Komiti e tshwenngwa ke seemo sa itsholelo
08 Dec 2015
Komiti ya ditlhabololo tsa Machaneng kwa kgaolong ya Tswapong, e tshwentswe ke seemo sa itsholelo e e kwa tlase mo bontsing jwa banni ba motse.
Maloko a komiti eo, a supile matshwenyego fa ba kopane kwa ofising ya bone go sekaseka le go lekodisana ka seemo sa itsholelo ya Machaneng bosheng.
Mongwe wa maloko, Mme Kesentseng Richard, o ne a bolela gore le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa setshaba ka tsotlhe tse e ka di kgonang go tokafatsa itsholelo, kwa Machaneng dikgwetlho di busetsa maiteko ao kwa morago.
Mme Richard a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba setseng ba di itemogetse tse di amang mananeo a akaretse a LIMID, YDF le nyeletso lehuma ke leuba, malwetse a diruiwa, bogodu ja leruo, tiego ya go thusa ba ba ikopetseng dithuso tsa mananeo ka go farologana, go tlhoka go tlhaloganya sentle ka mananeo ga banni le bokgakala jwa diofisi dingwe tse di thusang ka mananeo.
A tlatsa ka gore tiego ya dituelo tsa batho ba go rekelwang ba bangwe leruo mo go bone ga mmogo le tsa banana ba ba dirang mo Tirelo Setshaba le tsone di a tshwenya.
O ne a tswelela ka go supa fa gape e rile mo dingwageng tse di fetilerng Machaneng wa amiwa thata ke dintsho tse dintsi tse di neng di bakwa ke bolwetse ba HIV/AIDS.
Mme Richard o bolela fa seemo seo, se bakile gore palo ya dikhutsana le malwapa a a sa kgoneng e ntsifale thata mo motseng.
A re ka jaana bontsi jwa morafe wa Machaneng ba sena sepe sa sennela ruri se ba ka itshetsang ka sone, se se baka mosuke o o kwa godimo fa go tsena nako ya khiro ya Ipelegeng.
Mme Richard a re seemo se sa itsholelo e e ngomolang pelo se baka gore bangwe banana ba inaakanye le borukutlhi bo tshwana le bogodu.
E rile a mo tlatsa, modulasetilo wa komiti eo Rre Modiri Kgakge a re bone e le komiti e e sa tswang go tlhophiwa bosheng ba ikaelela go tokafatsa seemo se.
Rre Kgakga a re ba tlaa simolola ka go bitsa dikomiti tsotlhe tsa mo motseng le maphata a puso gore ba tswe ka ditsela tse ba ka di dirisang. A re mme kwa morago ba tlaa bitsa morafe otlhe wa motse go tla go tshwaraganela kgang e.
Rre Kgakge a re go ngomola pelo go bona puso e tsweletse ka go ntsha madi a mantsi ka maiteko a go thusa setshaba mme jaanong go sena tswelelopele. A bolela fa puso e tshwanetse go nna le dipoelo tse di kgotsofatsang mo go se e se dirang.
Rre Kgakge o ne a kopa banni ba Machaneng gore ba seka ba ipona tsapa mme ba ikemele ka dinao go tokafatsa matshelo a bone.
O ne a supa fa a ngongoregela dipalo tse gantsi banni ba tsenang diphuthego tsa matona le maphata a puso ka tsone a re di kwa tlase, selo se a reng se baka gore banni ba tlolwe ke melaetsa e e botlhokwa e e ka ba thusang go tlola melatswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Machaneng
Event : Bokopano
Date : 08 Dec 2015






