Mokgatlho wa sefapaano se sehibidu o tswa puso letsogo
08 Dec 2015
Baithaopi ba mokgatlho wa sefapano se sehibidu kwa Moshupa ba dira ka natla go thusa puso mo go tlhokomeleng le go ruta masiela, ba ba tlhokileng lesego le ba ba wetsweng ke seru sa tlholego.
Mongwe wa baithaopi, Mme Patience Pheko, o boleletse banni ba Moshupa gore puso ka bonosi ga e kake ya kgona dikgwetlho tsotlhe, ke sone se ba sefapano se sehibidu ba boneng go le botlhokwa go ikitaya ka thupana go thusa ko ntle ga tuelo epe, ba e ikabile.
Moruti Pheko o buile jalo mo moletlong wa segopotso sa mokgatlho wa sefapano se sehibidu o o neng o tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Moshupa ka bofelo ja beke. Segopotso se, se dirwa ngwaga le ngwaga lefatshe lotlhe ka kgwedi ya Morule e le tlhano.
O boletse fa go fa motho lerato le semowa fela go le go tona thata go kgotsofatsa ba ba amegileng. O boletse fa mokgatlho o ithaopela batlhoki go ba fa diaparo, dijo, bonno, botsogo le thuto gore matshelo a bone a tokafale jaaka ba bangwe.
Moruti a re boithaopi bo tsamaisana thata le tumelo mo kerekeng le mo lefokong la Modimo. O boletse fa ba thusa ka go sidila maikutlo, ba fodisa semowa gore batho ba nne ba gololesegile sentle. A re mokgatlho o agile mafelo a a thusang batho mme a kopa gore setshaba le sone se ba eme nokeng ka go ba abela tse ba ka thusang ka tsone.
Fa a bua ka maikaelelo le maitlamo a moletlo wa letsatsi leo, moithaopi, Mme Julia Ross o ne a bolela fa ba rotloetsa mowa wa boithaopo o gompieno a lebegang o nyelela mo setshabeng sa Botswana.
Mme Ross o boletse fa mokgatlho o simolotse ko moseja ka ngwaga tsa bo 1859 ko Italy ka nako tsa dintwa, bangwe banna ba o simolodisa. Mme Ross o tlhalositse fa mokgatlho o na le maloko lefatshe ka bophara mme ba ikabile go thusa ko ntle ga tuelo epe.
O boletse fa boithaopo bo le thata fela thata bo batla bopelotelele le lerato. O boletse fa a na le dingwaga tse di lesome a ithaopile ko Kanye, mme dilo di mo tsamaela sentle thata. O rotloeditse mowa wa boithaopo mo setshabeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Moshupa
Event : Moletlo
Date : 08 Dec 2015






