Dikereke di tshwaraganya morafe
08 Dec 2015
Kgosi Pius Letsholo wa Woodhall kwa Lobatse a re bokopano jwa dikereke bo botlhokwa ka jaana dikereke di tshwaraganya morafe.
Kgosi Letsholo o buile jalo fa komiti ya bong ya Lobatse e ne e tshwere thuto-seka dipuisano le baruti le baemedi ba dikereke, go ba tsibosa ka dikgang tsa bong le go ba lemotsha botlhokwa jwa go nna le seabe mo go tsone.
Baruti le baemedi go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng, mo toropong ya Lobatse ba tsibositswe ka dikgang tsa bong le kgokgontsho ya bana ba basetsana le bomme.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la bong, Mme Gomolemo Rasesigo, a re dikgang tsa bong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ke matshwenyego a magolo.
Mme Rasesigo a re malatsi a a lesome le borataro a direletswe go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana le dikgang tsa bong, le go tsibosa dikereke gore di tseye karolo le go ruta diphuthego ka dikgang tsa bong.
A re ba lemoga gore kgethololo ya bong le kgokgontsho ya bana ba basetsana di rotloediwa ke go tlhoka go buisana kgotsa go tlhoka go rerisana a re ba dikereke ba tseye boikarabelo jwa go rutuntsha diphuthego, mo malatsing a, le go feta e nna bontlha jwa thuto kwa kerekeng.
O tsweletse a supa gore go na le dilo di le mmalwa tse di rotloetsang kgokgontsho le dikgang tsa bong jaaka go latlhegelwa ke dithoto, go wela kwa tlase ga itsholelo mo go amang le yone itsholelo ya lefatshe, a re e baka le dikgobalo, le kwelo tlase ya maduo mo tirong.
Mme Rasesigo, a re dingwao le ditumelo tse di farologaneng le tsone di na le seabe thata mo dikgannyeng tse, a bolela gore kgokgontsho e e amile thata matshelo a bomme ka dipalo tsa masome a marataro le bosupa mo lekgolong, fa borre bone dipalo tsa bone e le masome a mane le bone mo lekgolong ba amilwe ke kgokgontsho e a reng dikereke di tseye karolo gore e e di tshwanetseng ba dire tiro ya Modimo ya sekeresete.
Mokwaledi wa komiti ya tsa bong kwa Lobatse, Mme Kutlo Mophalane, o supile gore komiti e dirilwe ka maphata a puso a a farologaneng, jaaka ba khansele, ba ofisi ya ga molaodi, mapodisi, badisamagolegwa, ba sesole sa Botswana, kokelo ya Atholone, Botswana Post le tse dingwe fela go akaretsa maphata, a a ikemetseng a eseng a puso.
O tsweletse a kgothatsa baruti le baemedi, ba dikereke go nna le mananeo ao ka one go tlaa dirwang thulaganyo ya gore bomme ba rotloediwe mo go tsa bong le tekatekano go ya ka ditirelo le dithulaganyo tsa mananeo jaaka, go aba, dikomiti tsa mo kerekeng, le gone go neelwa maemo.
A re fa go kgaoganngwa madi go bona gore go abelwa mang le gone go sekasekiwe go akarediwe bomme le borre.
Mme Mophalane o ne a kgothatsa maloko a dikereke go phuthologa go ntsha dikakanyo, go bua le go tsaya karolo mo kerekeng le gone go fa bomme sebaka sa gore ba tshware maemo a a kwa godimo mo kerekeng.
A re bomme le borre ba tshwanetse go tshwara maemo a a tshwanang a tiro, a re botlhe ba na le bokgoni, a re gape botlhe ba tseye ditshwetso tse di lekanang.
Mme Snowball Office ene e le yo o lebeletseng dikgang tsa bong mo khanseleng ya toropo ya Lobatse a re maikaelelo ke go dira kitso ka go tsibosa setshaba sa Lobatse ka dikagng tsa bong le kgokgontsho ya mo malwapeng.
Go itsise ka komiti e ya kgaolo ya Lobatse ya dikgang tsa bong le gone go bona seabe sa dikereke go fedisa kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ba basetsana mo malatsing a a lesome le borataro a go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.
Moruti Daniel Otlaadisa wa kereke ya Humble Before Christ International a re go tlhoka gore bobedi mo lenyalong ba ithutane gore mongwe le mongwe a itse bokowa jwa molekane wa gagwe, a re fa ba sa ithutane ba felela ba le mo ditlhalanong tse di apereng lefatshe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Thuto-seka dipuisano
Date : 08 Dec 2015






