Lephata le monela marulwana pele
20 Aug 2015
E re ntswa lekalana la dipalamo le ipabalelo tseleng le itlhokoletsa go gakologelwa ba ba tlhokafetseng ntateng ya dikotsi tsa tsela , mo kgweding ya Ngwanatsele monongwaga e e tlaa tshwarelwang kwa Lechana mo kgaolong ya Palapye, ba simoletse go monela marulana pele ka go simolodisa metseletsele ya dithuto-puisano le ba-na-le seabe mo go tsa mesepele.
E rile ba buisana le bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba, ba ditaxi le bo radibase, go tla go abelana maele a ka fa go ka tokafadiwang ka teng go thusa le go direla setshaba ka botswapelo, segolo jang mo kgaolong eno ya Palapye, ba tshwaragane le botsamaisi ja lephata leo le botlhe ba ba amegang mo mererong ya tsa dipalamo, jaaka ba diragatsa molao, ebong mapodise, ba lekalana la MVA, batlhatlhobi ba dikoloi le ba ditsela.
E rile a ba tlhalosetsa ka maikaelelo a bokopano ja bone le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, molomaganyi wa tsa ipabalelo tseleng Mme Lorraine Gaolebale a supa fa ba remeletse mo go tokafatseng tirisano mmogo le botsalano fa gare ga bodirisi ja dikoloi tsa setshaba le bakgweetsi ba tsone, ka maikaelelo a go ba tlhatlhelela ka botlhokwa ja ipabalelo tseleng mo dikoloing tsa setshaba.
Mme Gaolebale o ne a re ba tshwengwa thata ke dikgang tse di tsenang kwa go bone tsa go sa itumedisiweng ke ka fa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba tsayang bapalami ka teng, sengwe le go gana go ba isa kwa ba yang teng ka ditaxi, fa dikoloi tsa mesepele e meleele bone ba gana go pega ba metse e e gaufi jaaka ba masimo le meraka.
O ile a re go nna teng ga dikoloi tsa setshaba, ke gore go nne le pabalesego ya matshelo a bapalami, morago ga gore puso e tshwenngwe ke tatlhegelo ya matshelo a setshaba mo dikoloing tsa beng letsatsi le letsatsi, a re bokopano ke go tswa ka tharabololo ya mathata le matshwenyego a ba a itemogelang mo tirong ya bone letsatsi le letsatsi e le bakgweetsi le go baakanya seemo.
Mo thuto-puisanong eo, go ne ga akarediwa dithuto di le mmalwa, jaaka tsa tiriso ya setimamolelo, segolo jang mo dikoloing tse di rwalang setshaba. E ne ya re a tlhalosa ka boripana, Rre Joseph Kaelo go tswa kwa go ba setima molelo sa khansele-potlana ya Palapye, a tlhalosa ka fa se dirilweng ka teng le ka fa dikese tse di mo teng di timang moleleo ka teng.
O boletse gape fa gape fa mefuta ya ditima melelo e le mentsi , ebile e farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 20 Aug 2015






