Manyalo a sesha ke matlhabisa ditlhong
23 Jun 2015
Bnni ba Letsholathebe, segolo jang batsadi ba ba nyalaneng mo dinakong tsa maloba, ba tlhalosa fa nyalo ya segompieno e le matlhabiso ditlhong ka e tletse dibelebejane.
Ba re nyalo ya maloba e ne e nale seriti. E rile a bua mo dithuto-seka-dipuisanong tse di neng di tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, mongwe wa bagolo, Mme Chandapiwa Mokgethi a bolela gore dituelo tsa bogadi e ne e le dipula tse pedi fela kana ponto jaaka a ne a bidiwa, kgomo e le nngwe, kgotsa lesome la Pula.
Mme Mokgethi a re nyalo ya segompieno e turu mme e bile batsadi bangwe ba e fetotse kgwebo. A re ene o nyetswe ka masome a mabedi a Pula le kgomo e le nngwe, mme ebile lenyalo la gagwe le santse le tiile.
A re le ntswa nyalo ya segompieno e le turu, e tletse dipolaano, tlhalano, dintwa le malwetse. Are Batswana ba latlhile ngwao e e leng yone e e ka bong e ba supegetsa tsela ya nyalo ya nnete.
A re bogologolo le ntswa ba ne ba nyetswe, ba ne ba nna ba rerisa batsadi fa ba kopana le dikgwetlho ba sa bee fela mo go reng ke dikgwetlho tsa bone ba le babedi jaaka go dirwa mo. malatsing ano.
A re banyalani ba gompieno ba ikanya go rarabolola mathata ka bobone ba sa itsise batsadi le ntswa ba sena one matlhale, lesedi le botsipa jwa tharabololo mathata a nyalo mme e re kwa phelelong ba kgaogane ka ba a bo ba paletswe ke go ikagisanya.
O tsweletse ka gore nyalo ya bogologolo e ne e rena kagiso, lorato, boitumelo ebile go na le morero. Are ba gompieno fela morago ga nyalo, beke tse pedi o utlwa ba re ba kgaogana.
A re ka gore bogologolo one o se kitla o utlwa banyalani ba re ba a kgaogana ka gore yo mongwe o dirile phoso, a re mo nyalong go tshwanetse go tlotlanwa, go nne le morero.
E rile a sedimosetsa phuthego eo ka tsamaiso ya nyalo ya bogologolo are nyalo eo e ne e ilelwa, go nale melao e e tshwanetsweng go salwa morago ke ka moo ba neng ba nna mmogo ka lobaka.
A re e re ka ya gompieno go bereka madi, motho o kgona go nyala seboaboane ka a itshephile gore o nale madi a a tla mo direlang sengwe le sengwe. A re mme e bile e baya bao ba senang madi ka fa mosing le ntswa ba nale lorato mo bakapelong ba bone.
O ne a supa fa bogadi jwa segompieno bo lopa diketekete tsa Pula le gore madi ke one a sentseng dilo.
E rile a latlhela la gagwe Mme Keneilwe Setabi o ne a tlhalosa fa nyalo ya segompieno e sena tswelelopele. A re batho ba tshwanetse go nyalana ka go bo ba utlwana, ba batla go thusanya botshelo mme mo nakong ya gompieno ga go a nna jalo, batho ba a bo ba batla go bonwa.
Chagwa David ene one a tlatsa ka gore o utlwisiwa botlhoko ke fa yo mongwe mo nyalong a tla ka ngwana go tswa kwa lapeng le sele, a re ngwana yoo ga a fiwe lorato sentle jaaka yo o tsholwang ke bobedi joo.
A re bone bogologolo fa mme a tshotse ngwana le rre o sele go ne go tsewa fela jaaka phoso mme ngwana yoo a tlhokomelwe fela sentle mo lapeng go sena mathata ape.
A re fa e le gore mme yoo o a nyalwa ngwana o ne a tsewa fela jaaka ngwana wa bobedi go sena tlhaolele le kgokgontsho. A re fa go se monate mo lapeng, go kgokgontshiwa ngwana yoo, wa rre o tla bo a re ngwana ga se wa gagwe, ke namane fela ee tileng le mmaayo.
A re se sengwe gape se se bakang tlhakatlhakano ke tlhokomelo ya ngwana mo makgotlatshekelong. A re bogologolo go ne go sena mo go tweng rre o a sekisiwa fa a sa tlhokomele ngwana, fa ba segompieno ba tletse lefufa le dintwa segolo jang fa rre a sa tlhokomele ngwana.
A re bogologolo fa rre a tshotse ngwana le mme o sele ntle ga lenyalo, batsadi mo lapeng ba ne ba tlhokomela ngwana yoo go sa tsenngwe wa rre lesukasuka. A re o eletsa gore puso e ka emisa madi a bana a tlhokomelo kwa makgotlatshekelong ka gore le one a kgona go baka dintwa segolo jang fa mongwe wa batsadi a nyalwa kgotsa a nyala.
A re yo mongwe o tla bo a fufega mme a felele a re o sekisa yo mongwe, a senya kagiso ya lwapa la yo mongwe.
Mme David one gape a eletsa gore go boelwe kwa segologolong, ngwao e salwe morago go aga kagisano mo nyalong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Letsholathebe
Event : Thuto puisano
Date : 23 Jun 2015






