Sesha se fetotse tsamaiso ya botsetsi
26 May 2015
Bogologolo motsetse o ne a itsege ka go itshupa gore ke ene le gore o ntse a le mo botsetseng.
Mme Nakuru ‘MmaJack’ Simane wa Omaweneno kwa Kgalagadi o tlhalositse mo potsolotsong fa jaanong dilo di fetogile.
Mosadimogolo yo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa a sale a simolotse go baa botsetse ka ngwaga wa 1977 ka ngwana wa gagwe wa mosetsana wa ntlha. A re le ene o dumalana le mafoko a tautona wa pele wa lefatshe Sir Seretse Khama a gore setshaba se se senang ngwao ke mo ka se suleng.
O ne a tlhalosa fa bogologolo ka ngwao ya sengologa botsetse bo ne bo ilelwa fela thata ka go ne go sena ope yo o tsenang mo ntlung ya motsetse fa e se fela yo o mmeileng botsetsi.
A re motsetse o ne a tshwanelwa ke go nna mo ntlung ya setswana e e fa thoko a le nosi le gore o ne a ja dijo tsa gagwe a sa je le ba lelwapa jaaka mo nakong ya gompieno go diragala mo merafeng e mengwe.
A re botsetsi jwa ‘serurwana’ bo ne bo le pharologanyo thata le botsetse jo bongwe, ka jalo a re e ne o ne a neelwa lorato le gone go fiwa tlhokomelo ee kwa godimo thata , o kaile fa gape ngwana wa mosetsana fa e e le la ntlha a nna le ngwana a ne a sa mo letlelele go itiriela sepe ka a ne a mo direla sengwe le sengwe go akaretsa go apeelwa dijo le go tlhatswediwa dilwana tsa ngwana le tsa gagwe.
O kaile fa a ne a rutwa ka fa go tshwarwang ngwana ka teng le gone go mo tlhokomela sentle mo go haphegileng. Mosadimogolo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa gape motsetse a tshwanelwa ke go nwa kofi e bothito morago fela fa a sena go belega, are kofi eo ke yone ee dirang gore mashi a tswe ka bonako gore ngwana a tle a kgone go anya mashi a lebele a nang le dikotla tse di siametseng ngwana go gola le go mo thibela go tsenwa ke malwetsi.
A re gape motsetsi o ne a jesiwa dijo tse di tsentsweng moebe (molemo wa setswana o o oketsang keletso ya dijo).
Mme Simane yo o itsegeng thata ka leina la MmaJack, leina le o bitswang ka lone ke bana ba bana ka leina la monna wa gagwe yo o sa tlholeng a le mo botshelong.
O kaile fa ntlo eo ya setswana e e ruletsweng ka bojang e e neng e dirisediwa go beela botsetse e ne e siametse motsetse le losea lwa gagwe ka e ne e le tsiditshana fa go le selemo mme fa go le mariga e nne e le bothito.
O kaile fa mo nakong ya gompieno mo sesheng botsetse bo sa ilelwe jaaka pele ka nako e nngwe o ka fitlhela motsetse a tlhakatlhakane fela le ba lolwapa mo merafeng e mengwe ebile go sa re sepe a kaya fa ene a sitega thata go dira jalo fa a beile botsetse .
A re o ne a epela logong mo jarateng fa kgorong go bapa le ntlo eo gore baeng le bafiti ka tsela ba itse gore go na le botsetse mo lwapeng leo, o ne a gatelela thata gore borre ba ne ba sa letlelelwe gore ba ka feta gaufi le ntlo eo lefa e le ba mo lwapeng tota.
O ne a tlaleletsa a re bogologolo borre le bone ba ne ba tshaba go atamela fa botsetse bo beetsweng teng ka ba ne ba dumela gore ba tla kgaela,mme se se fetogile ba segompieno borre ke digatlhamela masisi ga ba ilele botsetse ba tsenatsena fela mo ntlong ya botsetse.
O ne a gatelela a re ditlhabololo tsa ditlhaeletsano tse di tlhagileng tsa megala ya letheka le maranyane a inthanete le tsone di tlhakatlhakantse dilo la bofelo, a re mo bogompienong borre ebile ba kgona go leletsa batsetse ba ba buise dilo tse di duleng mo tseleng.
Batsetse ba dira tse di sisimosang, ngwana fa a tlholega ba mo tsaya senepe ba mo tsenya mo selong gatwe facebook, selo se ruri ngwanaka ga keitse gore ke mang yoo se lerileng a sa se emise, mme bogologolo le fa ele rrangwana o ne a ka se mmone, Mme Simane a bua a rwele diatla mo tlhogong.
O kaile fa ka nako ya botsetse motsetse wa gagwe a ne a ja a ribame gore a seka a tswa dimpa fa a fetsa botsetse le ntswa are ka nako eo motsetse a ne a tlwaelesegile ka go tswa mo ntlung a le mokima mme e se jo bo feteletseng a re fa go ntse jalo o ne a nna motlotlo thata go supa gore motsetse yoo o ne a ja sentle ebile a tlhokomelesega sentle.
Mme Simane a re mo nakong eo fa a beile botsetse go ne go mo fa sebaka sa gore a laye motsetse sentle a phuthulogile gore o tshwanetse go itshwara jang fa a le motsetse le fa a setse a dule mo botsetsing go akarediwa le ka fa o tshwanetseng go godisa ngwana ka teng.
Mme Simane o supile fa ka ngwao ya sengologa ka nako eo borre ba ne ba sa tshwanela go itse le go tlhaloganya gore go diragala eng ka ngwana le mmaagwe go simologa fela fa a sena go tshola ngwana.
O kaile fa motsetse gantsi a ne a tshwanelwa ke go ya kwa ntlung ya boithomelo fa e le teng a ikhurumeditse ka a ne a sa tshwanelwa ke go bonwa bogolo jang ke borre. A re gape o ne a aga segotlo se motsetse a se dirisang go tlhatswetsa diaparo tsa ngwana le tsa gagwe teng.
Mosadimogolo Mme Simane yo o dingwaga tse masome a herabobedi le borataro are le ntswa go ne go ne go sa letlelelwe ope go tsena mo ntlung eo go ne go tsena fela basadibagolo ba batlholagadi le bana a re go ne go dumelwa gore bone ga ba na go okama losea.
O kaile fa tota losea e le lone lo lo neng lo ilelwa thata ka ba ne ba dumela gore khujwana ya ngwana ga e na go fola sentle fa go ka tsena mongwe le mongwe mo ntlung ya motsetse ka bangwe ba ne ba tswa kgakala dinao tsa bone di le molelo.
Mme Simane are tiro ya go baa botsetsi ke tiro e a e ratang fela thata ka a setse a beile botsetsi bomme ba le bantsi ba akaretsa bana ba gagwe, bana ba bana,dikokomane le ba masika tota.
A re tiro ya go baa botsetsi bogologolo e ne le tiro ee bokete ka go ne go sena metsi mme ba ne ba tshwanelwa ke go gelela metsi kgakala mo didibeng, mme morago fa metse e ntse e tlhabolologa ba tsenyetswa pompo ya setshaba ee neng e le nngwe mo motseng.
Mme Simane o ne a tlhalosetsa BOPA dikgang fa a gakologelwa fa ka lorato le o nang le lone lwa go baa botsetse ka ngwaga wa 1995 a ne a ne a kgona go baa bomme ba le bararo botsetse ngwana wa gagwe botsetse, ngwana wa ngwana le ngwetsi, ba farologana fela ka dikgwedi.
O kaile fa e ne etle e re morago ga kgwedi tse tharo losea le mmaalone ba ntshiwe mo ntlung ka mokete go itumelelwa losea lo lo tshotsweng, mme ba ba laleditsweng ba tlele losea leo dimpho dingwe le dingwe di akaretsa le lone loruo tota gore fa a gola a kgone go itshimololela botshelo ka lone.
Mosadimogolo o supile fa ngwao eo ya bone ya go baa botsetse e ne ya simolola go nyelela ka bonya ka bonya ka jaanong bomme ba ne ba tshwanelwa go ya dikoleng go ya go ithutela ditiro tse di rileng le gone go ya kwa ditirong.
A re mo malatsing a gompieno o baa botsetse a laolwa fela ke malatsi a mme o a bo aa neilweng go tswa kwa tirong ya gagwe ka jalo a sa itumedisiwe jaaka pele.
Mme Simane o kaile fa mo nakong ya gompieno a setse a tsofetse le gore o bokoa mme a sa tlhole a kgona go dira le fa e le sepe fa go na le botsetse fa e se fela gore a pate motsetse mo ntlung le go mo tlhalosetsa molao oo tshwanetseng wa botsetse a tlhalosa fa jaanong e le bana ba bana, dingwetsi le dikokomane.
O kaile fa lorato lo lwa go baa botsetse lo dirile gore a rate bana le bone go re ba mo rate fela thata mme o supile fa a itumelela thata bomme ba ba tsholang fela thata. Are ga a bee sebete bomme bangwe ba ba latlhelang bana mo matlwaneng a boithomelo morago ga go ba tsholela mo sephiring a kaya fa e le photso e le satane a ka se ke a e amogele, a tlatsa ka go supa nagwana e le mpho ya modimo ee tshwanentseng go tshwarwa ka matsetseleko ka nako tsotlhe.
Nna ke tloga ke ya ga maoto hunyela ngwanaka ga tlhalosa jalo ‘Mma Jack’ malatsi a me aa balwa ke lapile ka ke ikutlwa ka ditlhabi tse di mo go nna, mme legale ke leboga modimo oo mphileng thata le nonofo go dira ka ke kgonne go tsena le nyalong ee boitshepo le monna wa me yo o nketeletseng pele ka ngwaga wa 1999 le gone gore ke kgonne go godisa bangwanake ka lorato lo lo kalo, bana ba bana, le tsone dikokomane tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisano ka merero ya ngwao
Date : 26 May 2015






