Batho ba ba fetang 6 000 ba tlodile kwa Ramokgwebana
04 Apr 2015
Matshwititshwiti a ne a tshologela kwa molelwane wa Ramokgwebana go simolola Moranang a tlhola malatsi a le mabedi mo motshegareng go fitlhela letsatsi le le latelang.
Mo potsolotsong, mogolwane wa molelwane oo Rre Boikaego Bosele wa lephata la tsa taolo mesepele a re Batswana ba tloletse kwa Zimbabwe ka dipalo tse dintsi go ya go keteka letsatsi la paseka.
Rre Bosele o tlhalositse fa tirisanyo fa gare ga bone le batho e le ya maemo a ntlha mme o ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo, a bolela fa ba kgaogantse mafelo gore go thusa batho go nne bofefo.
A re matshwenyego a ba kopaneng le one, ke a bangwe Batswana ba ba tsamayang le bana ba tlogetse ditlankana tsa bone tsa matsalo kwa morago.
A re mangwe a matshwenyego ke a Batswana ba ba etang ka bana ba masika le ditsala, mme ba sa tshwara dipampiri tse di supang teseletso ya go tsamaya le bana bao.
Rre Bosele a re go na le batho bangwe ba morafe wa Zimbabwe ba ba supileng fa ba sa itse kwa ba ya teng mo lefatsheng leno.
O supile fa ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 2 946 mme ba ba duleng ba le 6 222, a tlatsa ka gore dipalo tseo di ya go oketsega, ka ba ne amogela dikwalo go tswa kwa baemeding ba dikereke go supa loeto lwa bone.
Mogolwane wa molelwane wa Matsiloje, Mme Goitsemodimo Matshidiso a re ba dirisana sentle fela ba ba tlolang molelwane, ebile bone ga gona le fa e le mosuke.
O tlhalositse fa gantsi mosuke o nna teng fa batho ba setse ba boa, ka ba dirisa molelwane wa Matsiloje thata. Mme Matshidiso a re matshwenyego a ba itemogetseng ke a batho ba ba tsenang mo lefatsheng leno e se ka fa molaong.
A re ba setse ba tshwere batho ba le masome a mabedi le bongwe, a tlatsa ka gore ba le lesome le bosupa ba duetse melato, fa ba le bane ba filwe mapodisi a Zimbabwe. O supile fa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba le 176 mme ba ba duleng ba le 776 go simolola ka Labone go fitlhela ka Labotlhano mo motshegareng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : Ramokgwebana
Event : Potsolotso
Date : 04 Apr 2015






