Breaking News

Mokgatlho wa Tirelo abela bagodi dimpho

10 Dec 2014

E ne ya re bosheng Tirelo Association kwa Serowe ya abela bagodi ba batlhoki ba goora Masuga bale masome a marataro dimpho.

Bagodi ba, bane ba fiwa mealo le dikobo mme ene ya re morago ga go sena go abiwa dimpho ba mokgatlho le ba ba neng ba tshologetse kabo ya dimpho e, ba itisa le bagolo ka dijo tsa motshegare.

E rile a a bua mo potsolotsong, Modulasetilo wa mokgatlho wa Tirelo Association, Mme Cheleketo Omphile a tlhalosa fa bagodi ba batlhoki ba, ba tswa mo dikgotleng tse nne tsa kgaolwana ya goora Masuga di akaretsa Lontone, Soko, Moriri le Moumo.

Mme Omphile a re bane ba kopa thuso mo go bommaboipelego le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go ba identifiela bagodi ba mme bane ba tlisa maina a bagodi a le lesome le botlhano go tswa mo kgotleng nngwe le nngwe gonna bone ba tla abelwang dimpho.

Mme Omphile o tlhalositse fa mokgatlho wa Tirelo Association o tlhamilwe ka ngwaga wa 2013 maikaelelo magolo a one ele go tlhokomela bagodi ebe godimo ga moo ba ba ruta ka mogare le bolwetse ja AIDS ka a re bontsi ja nako bagodi ke bone ba okang balwetse ba mofuta ntswa ba sena kitso kgotsa thuto e kalo ka jone, lebaka ele gore mekgatlho e mo Serowe e ikgathlolosa bagodi e remeletse fela mo bananeng le mo go bomme.

O tsweletse gape a tlhalosa fa mokgatlho wa Tirelo Association o thusa bagodi ka metlhale e ba ka inamolang mo lehumeng, mokgatlho gape o rotloetsa bagodi go ipopa ditlhopha ba rutana ele nngwe tsela ya go itosa bodutu.

Mme Omphile a re mokgatlho o nang le maloko a le lesome le botlhano o ikaelela go anama le motse wa Serowe le metsana e mabapi, a tlhalosa fa kabo ya dimpho ene ele tshimologo ya ditirelo tsa bone ba santse ba tsile go tsweledisa tema ya bone.

A re kgwetlho e ba kopanang le yone ele ba Tirelo Association ke go tlhoka lefelo le ba ka thusetsang le go tlhokomelela bagodi mo go lone, ka a re se, se ba itsa go otolola ditirelo tse ba itlamileng go di isa ko bagoding ka botswapelo, ka jalo a re ba ka itumela fela thata fa mosamarea yo molemo a ka ba tswa thuso.

Re santse rele foo erile fa a kgotlhatsa bagodi ka ene Mme Serama Seretse Sebiya o ba kopile go tlhokomela mebele ya bone ka a re ke tempele ya modimo, a re ba lebogele le mpho ya botshelo e Modimo o ba fileng yone.

Mme Sebiya o tsweletse gape a kgotlhatsa bagodi gonna le mowa wa lorato le kagiso mo meweng ya bone, ka a re motho o tetseng lorato o tsisa boitumelo mo go ba bangwe.

O ba gakolotse go disa dipuonama tsa bone, a re ba tshwanetse go ela tlhoko gore se ba se buang ga se se se ka sulafatsang maikutlo a ba bangwe, o ba gakolotse gape gonna le mowa wa boitshwarelo ka a re ke kalafi, a re bagodi ba emise go ipiletsa malwetse ka go nna dipelo tse di lefuto ka a re go dira jalo go sa siamela botsogo ja bone.

A re ba ithute go itshwarelelana, gonna ka kagiso le go itumedisana ka nako tsotlhe, a re ba ka kgona ka go ithuta mo go ba bangwe. O ba gakolotse go tshepha ramasedi thata, a re thapelo e age mo dipelong tsa bone ka malatsi otlhe, ka a re ke yone e ka ba nonotshang ka jaana botsofe bo setse bo ittseetse maatla mo go bone.

Mme Sebiya a re o leboga ba Tirelo Association go bo ba lemogile fa ba tshwanetse gonna badiredi, a re ke mogopolo fela o faphegileng, o botlhokwa o tsileng go tsholetsa serudomo sa motse wa Serowe.

A re o lebogela fela thata gore bagodi ba babalesegile ka jaana ele bone ba dirileng motse o, se oleng sone ka jeno, a re bagodi ke bone ba sireleditseng ngwao ya rona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2014