Breaking News

Dikago tsa sekole di tla a baakanngwa

10 Dec 2014

Moanamisa mafoko wa khansele ya toropo ya Francistown, Rre Joseph Wasubera a re khansele e ikaelela go dirisa dikago tsa sekole se se segologolo sa Tati Town kwa Francistown ka tsela e tla sologelang setshaba molemo.

Rre Wasubera o buile jaana mo potsolotsong bosheng a supa fa khansele e lemogile fa dikago tsa sekole seo di fetogile matlotla e bile di le mo seemong se se sa kgatlhiseng. A re seemo sa sekole seo se ne sa fetoga morago ga gore se agwe sesha kwa lefelong le sele mme baithuti ba fudusetswa koo.

O tsweletse a re mabaka mangwe a a bakileng phudugo eo ke gore sekole se se segologolo se ne se agilwe fa dinoka di kopanelang teng ka jalo se ne se baya matshelo a bana mo diphatseng, bogolo jang ka nako ya dipula di na ka baithuti ba ne ba tshwaragana le bothata jwa go tsena mo sekoleng ka nako ya fa dinoka tseo di elela

.O supile gape fa gone mo dinokeng tseo, go na le makadiba a a sa kgaleng ka jalo bana ba sekole ba ne ba felela ba tshamekela mo metsing ao, sengwe se a supang gape fa se le borai ka se ka rotloetsa malwetse a a bakiwang ke metsi a a leswe.Rre Wasubera a re le fa sekole seo se ntse lebaka se se mo tirisong, ga se gore khansele e se itlhokomolositse.

 A re go santse go dirwa ditshekatsheko go baakanya dikago tse ka maikaelelo a gore ba di dirise ka tsela e tla sologelang banni ba toropo mosola.

O supile fa tlhaelo ya madi e le mangwe mabaka a a tsalang tiego ya go baakanngwa ga sekole seo, ka jalo a re khansele e ikaelela go tshwaragana le maphata a ikemetseng go bona gore tsela ba ka tsaya efe.

Rre Wasubera a re mangwe maikaelelo ke gore fa dikago tseo di ka baakanngwa, ba  dirise bontlha bongwe go nna lefelo la dikgwebo tsa banana, la itloso bodutu kgotsa ba le adime maphata a mangwe a puso a tshwana le la boipelego go ka tsweledisa dingwe ditiro tsa bone di akaretsa tsa mananeo a nyeletso  lehuma

Banni bangwe ba ba nnang gaufi le sekole seo ba supile fa ba sa itumedisiwe ke go bona dikago tseo di fetogile boremelelo jwa boitshwaro jo bo sa amogeleseng. Rre Tymon Kefitile o supile fa bangwe, bogolo jang bana ba dikole ba setse ba ntshitse dikago tse boremelelo jwa go dira ditiro tsa botlhoka tsebe.

A re bangwe ba setse ba kgobokana teng go goga metsoko, go nwa bojalwa le go dira dilo tse dingwe tse di duleng mo tseleng. Mme Idah Pusoetsile le ene o supile fa a sa itumedisiwe ke boitshwaro jo bo diregang kwa dikagong tseo.

A re mabotana mangwe a sekole seo a na le mekwalo e e fatlhang gape dingwe dikago di setse fela go sena difensetere le mabati. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2014