Breaking News

Banana a itshetsa ka go rekisa maphoi

10 Dec 2014

Moithuti wa sekolo sa ithutelo tiro ya diatla kwa Masunga, Rre Matlhogonolo Jackson le bontsalae ba itshetsa ka go rua le go rekisa maphoi. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Jackson o tlhalositse fa mo nakong eno a na le maphoi a feta masome a matlhano mme e bile a solofetse gore palo e oketsege mo nakong e e sa fediseng pelo. 

Monana yoo, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe o simolotse go rua maphoi a sekgoa ngwaga oo fetileng ka Hirikgong mme a re o kgona go ithekela tsotlhe tse di tlhokegang kwa sekoleng ka madi a maphoi. 

O tlhalositse gore o rekisa lephoi le le lengwe dipula di le lesome kana go feta a lebile botona jwa lone, mme e bile seo se mo thusa fela thata ka a sa tlhole a tshwenya batsadi ba gagwe ka go ba kopa gore ba mo rekele tse di tlhokwang kwa sekoleng.

Rre Jackson a re o kgona gape go thusa ka go rekela ba lelwapa la gagwe dijo ka matsana ao mme a re o ikaelela go tsweledisa thuo eo ka e mo sologela molemo fela thata segolo jang mo go ithekeleng ditlamelo tsa sekole gammogo le go thusa mo lwapeng.

E rile ntsalae a tswa la gagwe, a tlhalosa fa botshelo bo tsweletse fela sentle segolo jang fa a tlhoka sengwe kwa sekoleng ka potlako batsadi ba sena madi. 

Rre Oreneile Jackson yo o dirang lekwalo la bobedi kwa sekoleng se segolwane sa Maruje o tsweletse ka gore o tlhokomela maphoi gore a seka a latlhegelwa ke lepe la one ka a solofetse gore a tla mo tlodisa melatswana.

A re o fa maphoi a gagwe tlhokomelo e e faphegileng ka go netefatsa gore lefelo la one le nna le le phepa nako tsotlhe a bo a a fepa ka mabele le metsi a a phepa.

O rotloeditse balekane ba gagwe go batla se se ka ba ntshang mo mebileng ka go ba rotloetsa go dira sengwe se se ka ba sologelang molemo botlhe mo lwapeng ka batsadi ba le esi ba ka se kgone.

Mme Nelly Mapeni, yo morwawe le ene a ruileng maphoi, o tlhalositse fa maphoi a ngwana wa gagwe a ba thusa fela thata mo lwapeng.  

A re e re ka botshelo jwa segompieno bo le thata e bile bo le turu, maphoi a ga Widzani a tsile ka nako e e siameng ka madi a teng a lomaganya go reka dijo, seshabo gammogo le go rekela mong wa one didirisiwa dingwe tsa sekole.

Mme Mapeni a re maphoi a, a thusa gape go kgapha ngwana wa gagwe le bontsalae mo mebileng ka ba nna ba a beile leitlho mo lwapeng segolo jang fa ba sa ya sekoleng.  

A re o itumelela gore ngwana wa gagwe ga a anywe maitseo a a makgaphila mo ditsaleng ka nako e ntsi ba nna mo lwapeng le maphoi a gagwe. 

Rre Widzani o simolotse go rua maphoi ngwaga ono ka Hirikgong morago ga a sena go kgatlhiwa ke a ga ntsalae. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2014