Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu jwa diphologolo
10 Dec 2014
Mogolwane wa mapodisi a a okametseng kgaolo ya No.9, Rre Masilo Motswiri a re ba tlhotlhomisa tiragalo nngwe e ba belaelang ele ya bogodu jwa diphologolo.
O boleletse mo potsolotsong bosheng gore ba amogetse pego go tswa kwa go ba lephata la diphologolo kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano mabapi le kgang e.
O tlhalositse gore pego e ba e amogetseng ke gore badiri ba lephata la diphologolo ba kopane le borre bangwe ba le bane mo lefelong la diphologolo le le sireleditsweng mo kgaolong ya Khawa ba go belaesegang ele magodu mme ga nna le dikgogakgogano morago banna bao ba le botsa phokoje.
Rre Motswiri o tsweletse ka go tlhalosa gore ba setse ba tshwere babelaelwa ba le babedi mabapi le kgang eo mme ba santse ba le mo patlong ya ba bangwe. Rre Motswiri ga a ka a tlhalosa gore banna bao ba ne ba tshotse eng kgotsa ba bolaile phologolo nngwe le gore ba ne ba dirisa eng mme a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.
Mogolwane wa ba lephata la diphologolo mo kgaolong eo, Rre Goitseone Lebonetse o supile fa a ka se kgone go akgela mo kgannyeng e, a tlhalosa fa a santse a emetse tetla go tswa kwa bagolwaneng ba gagwe.
O kopile setshaba go thusana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jwa mothale ope fela ka jaana meamuso ya lefatshe leno ele ya Motswana mongwe le mongwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 10 Dec 2014






