Monana o galaletsa lenaneo
10 Dec 2014
E re fa banana bangwe ba santse ba le ‘bete se molangwana gore a mananeo a puso a ka ba namola mo lehumeng le mo letlhokong la ditiro, bangwe ba tshwana le Rre Alex Maikano wa Motokwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ga ba kgale mathe go kaya bomolemo jwa mananeo ao ka a tsisitse pharologanyo mo matshelong a bone.
Mo potsolotsong bosheng, Rre Maikano yo e leng mookamela khamphani ya Alexandra Holdings a re e ne ya re go lemoga fa letlhoko la ditiro e le kgwetlho segolo jang mo bananeng, a ikamanya le mananeo a puso go itlhamela ya gagwe kgwebo.
A re ofisi ya banana e mo file P99 900 ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) mme a bula kgwebo e e itebagantseng le thuo ya dikgomo.
Rre Maikano a re o kgonne go reka tsotlhe tse di tlhokafalang go simolola kgwebo ya gagwe, e a supang fa a le motlotlo ka yone ka go bo e tsweletse ka go tokafatsa botshelo jwa gagwe le ba ga gabo e bile a ipelafatsa ka go bo a kgonne go tlhamela monana mongwe phatlha ya mmereko.
O boletse fa a kgethile mofuta o wa kgwebo ka a godile a rata thuo. A re o inaakantse le go anya bogakolodi le boitseanape mo batsading ba gagwe ka go tlhokomela leruo mme a re go mo thusa fela thata go hema malwetse le dipe fela tse di ka kgoreletsang go ata ga leruo
Monana yoo, yo o tlhalosang fa katlego ya gagwe e ikaegile ka lorato le bopelotelele o supa fa kgwebo e dira sentle fela thata ka jaana kgaolo ya Letlhakeng e siametse thuo, a kaya fa dikgomo tsa gagwe di atile mo go mo fang tsholofelo ya gore e tla re mo dingwageng tse di tlang a bo a balelwa mo baruing ba bagolo ba lefatshe leno e bile a tlhametse bontsi jwa banana diphatlha tsa mebereko.
A re ntswa kgwebo ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho dingwe di akaretsa go phatlhalala ga leruo ka nako ya dipula, malwetse le tlhaelo ya lefatshe la mafudiso seo ga se mo kgobe marapo ka jaana a dira se ka lerato e bile a ikiteile sehuba gore kgwebo ya gagwe e gole.
O supile gape fa a ikemiseditse go lwantshana le difatlhi tse di ka mo emang pele ka jaana a tlhaloganya sentle fa go sena sepe se se leng bonolo mo botshelong mme fela a leboga ba lephata la banana go ba isa dithutong go ya go ba tlhatlhelela ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng le maele a go e batlela mmaraka.
O gakolotse balekane ba gagwe go ikgapha mo go tse di ka ba senyetsang bokamoso mme a ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka go ikopela dithuso tsa mananeo a puso go itlhamela mebereko, a kaya fa puso e dirile go tlala ka diatla mme go saletse bone fela go supa boikarabelo.
O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go fokotsa dikgwetlho tse di lebaneng banana mme a kaya fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go lemotsheng banana ka bomosola jwa go latedisa mananeo a puso le gone go ba fa kemonokeng le bogakolodi fa ba setse ba tsene mo dikgwebong.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 10 Dec 2014






