Breaking News

Kgosi o rotloetsa mananeo

10 Dec 2014

Banni ba Marapong mo kgaolong potlana ya Tutume ba gakolotswe  fa go le botlhokwa gore ba supe kgatlhego mo mananeong a a farologaneng a puso e tsweletseng ka go a ntsha. 

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Bakani Mampori o supile fa a sa jesiwe diwelang ke go bona banni bangwe  ba motse wa gagwe ba ba senang motswedi wa itshetso ba goga dinao ka go ikopela mananeo. 

Kgosi Mampori o gateletse fa go le botlhokwa gore banni ba seka-seke mananeo ao mme ba bone a ba ka a itlhophelang gore le bone ba kgone go nna le fa ba ikaegang teng.  O boletse fa bangwe ba nyafalela mananeo ka mabaka a gore ba mo legaeng mme ba supa fa a ka se atlege ka ntlha ya go tlhoka mmaraka.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Mampori a re go nna mo gae ga go a tshwanela go ba kgoba marapo ka se se botlhokwa ke go ikopanya le diofisi tse di maleba go tlhaloganya ka mananeo a a farologaneng. 

Kgosi o supile fa go na le mananeo mangwe a a ka dirang sentle le ntswa batho ba le mo gae jaaka a LIMID le a mangwe ka go farologana a a itebagantseng le temo-thuo.

 O gakolotse banni gore ba seka ba ikopela dithuso tsa mananeo a le mangwe fela mme ba lebelele mananeo a a farologaneng ka go dira jalo go ka ba thusa go bona mmaraka ka ba tla bo ba ntsha dithoto le ditirelo tse di farologaneng.

Go sale foo, Kgosi Mampori a re le fa maikaelelo magolo a mananeo ao e le go tlhabolola matshelo a Batswana, go botlhokwa gore batho ba lemoge fa mananeo a ka fokoletsa puso morwalo. 

A re lenaneo le tshwana le la ISPAAD, fa le ka tsewa ka tlhoafalo le ka thusa balemi gape le ka thusa go fokoletsa puso morwalo wa go reka dijo kwa mafatsheng a sele.

Kgosi Mampori o tsweletse a gakolola banni go nna ba ikopanya le diofisi tsa CEDA, LEA le tse dingwe tse di rotloetsang bagwebi ba mo gae go utlwa ka dithuso le ditirelo tse ba di ntshang. 

O kgadile a sa kgwe mathe batho bangwe ba ba nang le mowa wa go kgoba bagwebi marapo go ikopela dithuso mo makalaneng a ka go ba fa kitso e e duleng mo tseleng ya gore mangwe makalana a a thusa batho ba ba itsholetseng fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 10 Dec 2014