Breaking News

Godisetsang bana mo Modimong - kgosi

10 Dec 2014

Go botlhokwa thata go godisetsa ngwana mo tseleng ya tshiamo ka go thusa go fokotsa mewa e e maswe mo go ene  e akaretsa mowa wa kgokgontsho.

Fa a bua mo letsholong la go lwantsha kgokgontsho ya bong bosheng, Kgosi Mpeo Mpeo a re ka fa ngwana a godisiwang ka teng go laola ka fa a tsileng go tshidisanya le ba bangwe ka teng fa a ntse a gola.

A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go kekela mme seo se supa fa bontsi jwa batsadi ba latlhegetswe ke tsela e e siameng ya kgodiso ya ngwana. O tsweletse ka gore bangwe batsadi ga ba ke ba kgalemela bana ba bone fa ba sa dire sentle ka ba tsaya gore ba a ba rata ga ba batle go ba utlwisa botlhoko.

Kgosi Mpeo o kopile batsadi gore ba lebelele botshelo kwa pele, ba itse gore se ba se rutang bana ba bone le bone bana bao ba tsoga ba se ruta ba bo ba se dira mo go ba bangwe. A re kgokgontsho e ama dikgang di tshwana le go kganela ngwana go tsena sekole, go mo tima dijo le go roma ngwana dino kgotsa ditagi. 

A re e tla a bo e re botshelo bo ntse bo tsweletse, kgokgontsho e tla a bo e gola go simolola go nna le dikiteo le go itseela dikobo ka dikgoka gareng ga tse dingwe, ke ka moo bomme le borre ba lelang ka dikgang tsa kgokgontsho

Kgosi Mpeo o kopile setshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho gore di tle di rarabololwe go sa na le nako. O supile gore lengwe la mabaka a gore kgokgontsho e bo e kare ga e laolesege ke gone gore dikgang tsa teng ga di begiwe. 

A re setshaba se emise dikgang tse di tshwanang le gore dilo tsa lelwapa la ga mmasemangmang ga di nkame.   O tsweletse a re batho ba tshwanetse go itse  gore lefatshe leno ke la rona rotlhe jalo fa motho a bona sengwe se sa tsamae sentle golo gongwe o tshwanetse  go itsese ba ba maleba ka bofefo.

Fa a bua mo boemong ja mookamela mapodise a Machaneng, Constable Botshelo Molubi o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse ba sa di begelweng. 

A re kgaolo e ba e okametseng e na le dikgang tse dintsi thata tsa kgokgontsho.  Mme Molubi o supile gore mo dipegong tse di mmalwa tse ba kgonneng go di amogela, ba lemogile fa modi wa seemo seo e le ka fa batho ba godisitsweng ka teng.

O supile gore fa ngwana a godisiwa ka tsela e e siameng, o ya go gola a itse molemo le bosula.  Mme Molubi o kopile borre gore ba emise tumelo ya gore fa ba ka ya go bega gore ba a kgokgontshiwa mapodise a ka ba tshega. 

O tsweletse ka go supa fa kgokgontsho e ama itsholelo ka go dirisiwa madi a mantsi go latedisa dikgang dingwe tsa kgokgontsho mogodimo ga moo fa mokgokgontshi a le mo kgolegelong puso e tlamega go mo fa tlhokomelo ka madi a a seng kana ka sepe.

O boletse fa kgokgontsho gape e ama maduo a bana mo dikolong ga mmogo le a bagolo mo ditirong. Mme Molubi o kopile batsadi gore ba fe bana morero mo lwapeng gore ba kgone go ba thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ka bakang kgokgontsho. 

Mongwe wa batsadi, Mme Keletshabile Gobotswang a re fa kgokgontsho e simolola go nna teng mo bathong, go a bo go supa gore ga go na lorato gareng ga bone. Mme Gobotswang o boletse fa lerato le le siameng ele le le nang le maduo a mantle, eseng le motsadi a sa kgalemeng ngwana. 

O rotloeditse setshaba go kopa dithuso mo bodireding jo bo maleba fa ba kgokgontshiwa pele ba ka tsaya ditshwetso tse e seng tsone ba ipolelela gore ke gone jaaka ba rarabolola mathata a kgokgontsho. ENDS

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MAHALAPYE

Event : Letsholo la go lwantsha kgokgontsho

Date : 10 Dec 2014