Breaking News

Banana ba rotloediwa go ikemela ka dinao

09 Dec 2014

Go a tshwenya go bona banana bangwe ba sa tsibogele go ithusa ka mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone ntswa e le bone ba lebanweng thata ke kgwetlho e kgolo ya letlhoko la ditiro.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motokwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ngongorego Kgalaeng fa a bua mo potsolotsong, o tlhalositse gore e re ntswa puso e tshwere ka natla go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a banana, ba tshwentswe thata ke banana bangwe ba motse oo ba ba santseng ba iketlile ba sa ikopele mananeo a ba a beilweng pele ke puso gore ba ikapole lehuma.

Rre Kgalaeng a re mananeo a tshwana le la Youth Development Fund, YDF a simolotswe ka maikaelelo a go leka go thusa banana ba ba sa kgonang go bona ditiro gore ba bule dikgwebo go itshetsa le go tlhamela ba bangwe mebereko, mme a supa fa bangwe ba sena maikarabelo ka gonne dikgwebo tsa bone di phutlhama fa ba sena go tsaya dithuso.

A re seemo se, se tshwenya fela thata ka go dira jalo e le go folodisa maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo lefatsheng leno. 

O kaile fa kwa metseng ya selegae banana ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya letlhoko la ditiro mme mananeo a tshwana le la YDF e le one a ka ba thusang gore ba itlhamele mebereko mme ba itshetse.

Go ntse go le foo, modulasetilo o supile fa lenaneo la Tirelo Setshaba le le simolotsweng monongwaga le le botlhokwa fela thata ka jaana le tlhamela banana diphatlha tsa mebereko le gone go ba fa sebaka sa go anya botsipa mo bodireding jwa maphata a a  farologaneng a puso, mme a kaya fa ba tshwentswe ke bangwe ba ba ikgogelang morago fa ba setse ba le mo go lone   ntle le mabaka ape.

Rre Kgalaeng o gakolotse banana ba ba santseng ba saletse morago go itlhoatlhoetsa go ikopela mananeo a puso ka mmetela gore ba  tsise pharologano mo matshelong a bone, a supa fa go le mo maruding a bone go tsaya botshelo jwa bone ka tlhoafalo ka go dirisa sebaka se ba se filweng se. 

O supile gape fa seabe sa batsadi se le botlhokwa thata mo go rotloetseng banana go itshetsa ka mananeo a ba a tlhametsweng ke puso le gone go dirisa ditalente tsa bone, a kaya fa dikgwetlho tse di lebaneng banana di tshwanetse go tshwaraganelwa ke puso le batsadi. 

Rre Kgalaeng o supile gape fa ba tshwentswe thata ke mokgwa o o supiwang ke banana bangwe ba ba itlhokomolosang diphuthego tsa kgotla ntswa kgotla e le lefelo le le botlhokwa le go buelwang merero yotlhe ya botlhokwa teng. Rre Kgalaeng o kopile banana go emisa mokgwa oo ka ponyo ya leitlho ka go dira jalo go ka dira gore ba fetiwe ke dikitsiso tse di botlhokwa le one mananeo a puso tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 09 Dec 2014