Breaking News

Machaneng o simolola go nwa metsi ka dikarata

09 Dec 2014

Motse wa Machaneng e tla a nna one wa ntlha mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami go simolola go dirisa dikarata mo dipompong tsa setshaba.

Mo puisanong le mogolwane wa koporase ya metsi kwa Sefhare bosheng, Rre Simon Sentsho o boletse fa ba setse ba dirile go le gontsi mo go tlhokegang go simolodisa lenaneo le lesha leo.

Rre Sentsho a re e tla a re mo bogaufing dipompo tsotlhe tse di tlwaelesegileng kwa motseng oo di bo di tswetswe go simololwa go dirisiwa tse disha.  A re mo nakong eno, dipompo tse di sha tse di dirisang dikarata di setse di tlhomilwe mo metseng e mentsi ya kgaolong eo. 

O supile gore banni ba Machaneng ke bone fela ba ba setseng ba abetswe dikarata tse di tla a bong di dirisiwa.  A re dikarata di abelwa fela ba ba senang dipompo mo malwapeng.

Rre Sentsho o lebogetse tirisano mmogo ya morafe wa Machaneng le ba koporase ya metsi, a re ga go ise go nne le kgang ya go senngwa ga dipompo tse disha jaaka go diragetse mo metseng e mengwe. 

O supile fa ba tlhaloseditse banni ka botlhokwa jwa dipompo tse di dirisang dikarata tseo. O boletse gore dipompo tseo di boloka metsi ka gore ga di motlhofo go senyega e bile fa e ka senyega e emisa go ntsha metsi ka bo yone. 

A re tse di kgologolo di bonolo go senyega e bile metsi a kgona go tsaya nako e telele a tshologa go fitlhela ba tla go a tswala. O tsweletse ka gore dipompo tse di sha di tla a thusa gore metsi a dirisiwe ka kelelelo ka gore lelwapa lengwe le lengwe le tla a bo le a ituelela. 

A re go ne go setse go lemosegile gore bangwe ba ne ba dirisa metsi a setshaba botlhaswa ka ba a siela leruo fa bangwe ba nosetsa ka one. Rre Sentsho o kaile gore keletso ya bone ke gore fa ngwaga o o tlang o simolola, dipompo tsotlhe tse di kgologolo di bo di se mo tirisong mo kgaolong ya bone. 

O rotloeditse banni ba kgaolo e ba e okametseng go dirisana sentle le bone jaaka ba Machaneng ba setse ba supile mowa wa bojammogo.  Rre Sentsho o ba kopile gape gore ba somarele dikarata tse di gang metsi tseo ka gore fa e latlhegile motho ga a na go e fiwa mahala gape. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : LERALA

Event : Puisano

Date : 09 Dec 2014