Breaking News

Dikole di ikgatholosa molao-modulasetilo

09 Dec 2014

Bontsi jwa dikole tsa bananyana mo kgaolong potlana ya Ramotswa di ikgatholosa melawana e e di tsamaisang.

Se, se builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo ya Ramotswa, Mokhanselara Adolf Mosalaesi fa a bula phuthego ya ntlha ya kgaolwana ya gagwe, a tlhalosa fa go na le dikole tsa bana di le masome a mabedi le bone mo kgaolong eo mme bontsi jwa tsone di itlhokomolosa tsamaiso jaaka e tlhalositswe mo tsamaisong ya thuto ya bana ba ba botlana ya 2001 gammogo le melawana ya tsamaiso ya khansele.

Rre Mosalaesi a re khansele e lemogile fa go nale go runya ga dikole tsa bana tse di seng ka fa molaong. 

O kaile fa dingwe tsa dikole tse, e rile go felelwa ke lebaka la teseletso tsa seka tsa di ntshafatsa, fa bangwe bone gotlhelele ba sena tsone. 

O tlhalositse fa khansele e tsweletse ka go bona gore go salwa tsamaiso morago le go rutuntsha beng ba dikole tse ka maiteko a go tlhabolola boleng jwa thuto ya bananyana.

O tsweletse a re khansele e tshwaragane le ba-na-le seabe go bona gore diteseletso di a ntshafadiwa. 

Rre Mosalaesi o tlhalositse fa dikole di le tharo di tswetswe ka mabaka a a farologaneng a akaretsa go palelwa ke go sala melawana ya tsamaiso morago le go dira ba sena diteseletso. 

A re dikole di le thataro fela ke tsone di kgonneng go fiwa teseletso ya go gweba fa tse dingwe di santse di filwe sebaka sa go ithulaganya sentle pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : RAMOTSWA

Event : Phuthego ya khansele-potlana

Date : 09 Dec 2014