Kgosi Mpaesele o tla a bolokwa ka Matlhatso
09 Dec 2014
Kgosi ya motse wa Palla-road mo kgaolong potlana ya Mahalapye Rre Mogakolodi Mpaesele, yo a tlhokafaletseng kwa kokelong ya Mahalapye kgwedi eno e tlhola malatsi ale marataro o tla bolokwa kgwedi eno ele lesome le boraro kwa Palla-road.
Mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Dibete/Palla-road, Rre Otsetswe Mangope le mongwe wa ba lesika, Rre Bathusane Sekhutlo ba boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA fa Kgosi Mpaesele a tswa kgakala a tshwenngwa ke bolwetse jwa sukiri le madi a matona.
Rre Mpaesele o tsene mo setilong sa bogosi ka Phalane 2011 a tlhatlhama Kgosi Gaorengwe Sebolao yo o tlhokafetseng ka 2010, yo ene a neng a thiba phatlha ya ga Kgosi Gabodirwe Mpaesele yo a neng a tlhomiwa go nna kgosi ya Palla-road ka 1982 a tsaya maemo ao mo go Kgosi Mokgacha Mokgadi yo a neng a fudusediwa kwa Mahalapye pele ga a fetisediwa kwa Serowe go ya go nna motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato.
Rre Mpaesele yo o tlogelang mosadi le bana ba basetsana ba le babedi, o dirile dithuto tse dipotlana mo sekoleng sa Palla-road, mme morago a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa Moeng College kwa e rileng a fetsa teng a ya go bereka mo komponeng ya Botswana Power Corporation, morago a tsena mo lephateng la ditsela go fitlhelela a tlhomiwa kgosi ya Palla-road ka 2011.
Rre Mangope le Rre Sekhutlo ba re keletso ya bone ele ba lesika ke go omisa Kgosi Mpaesele kgotla ya gagwe pele a ka fetela kwa lwapeng kgwedi eno ele lesome le bobedi fa ba tla bo ba ipaakanyetsa phitlho ka Matlhatso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : PALALA ROAD
Event : Potsolotso
Date : 09 Dec 2014