Mosepele o fekeetsa bagodi
09 Dec 2014
Mosepele wa go ya kwa Machaneng kgwedi le kgwedi o bagodi ba Mathako kwa kgaolong ya Tswapong ba o tsamayang go ya go amogela madi a bagodi o a ba babalela ka ba tlhoka dipalamo tse di ka ba isang teng.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Ditshotlo Kgaugelo wa Mathako a re bagodi ba tsamaya sekgele sa dikhilomithara tse tharo ka dinao go ya kwa ba ka bonang dipalamo ka bofefo teng mme selo se ga se mo itumedise gotlhelele ka bagodi e le batho ba ba itshelelang ka makoa a a ka nnang a kubuga nako nngwe le nngwe.
Kgosi Kgaugelo o supile gape gore seemo se, se baya bagodi mo diphatseng tsa go ka tlhaselwa ke magodu ka gore fa ba tsamayang teng le kwa ba emelang dikoloi teng go sekgwa.
Kgosi a re ntle le go tlhaselwa ke magodu, diphologolo tsa naga tse di borai le tsone di ka ba tlhasela ka fa ba emelang dipalamo teng go gaufi le polase e e nang le diphologolo tse di borai fela thata.
A re seemo se, se tshwenya bagodi fela thata ka bangwe ba bone ba setse ba ikuetse mo go ene.
O boletse gore mo nakong eno ke bagodi ba se kaenyana fela ba ba letleletsweng go amogelela mo kgotleng, a re mme keletso ya gagwe ke go bona bagodi botlhe ba motse wa gagwe ba amogelela mo kgotleng.
O boletse gore gape go kgona go nna le ketsaetsego fa molaetsa wa letsatsi la go amogela o sa goroga sentle ka bangwe ba kgona go boa kwa Machaneng ba ne ba tsamaile ka letsatsi le e seng lone.
Kgosi o tsweletse ka gore gape fa mogodi a ka lebala nngwe ya tse di tlhokegang fa go amogelwa e nna mathata ka gore o boa a sa thusiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 09 Dec 2014