Breaking News

Mapodisi a tshwere borre ba le babedi

09 Dec 2014

Mapodisi a Bobonong a tshegeditse borre ba le babedi mabapi le melato ya petelelo.

Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a Bobonong, Rre Michael Maphephu, o tlhalositse fa borre bao ba dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi ba tlholega mo kgotleng ya Borotsi kwa Bobonong ba beteletse bomme ba le babedi kwa morakeng wa Mmadikgomo go bapa le Bobonong.

O supile fa bomme bao ba ne ba palama sekotsekara se se neng se kgweediwa ke borre ba ka tsholofelo ya gore ba tla a ba isa kwa go tshwanetseng mme ya re ba fitlha kwa morakeng wa Mmadikgomo ba betelela bomme bao.

E re dikgang di eme jalo, Rre Maphephu o supile fa mo tiragalong e nngwe ba tshegeditse borre ba le babedi ba ba tlholegang kwa botshabelo kwa Selebi Phikwe mabapi le go leka go thukutha marekisetso a Furniture Mart kwa Bobonong. 

O supile fa borre bao ba ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le bongwe le masome a mabedi le bone ba ne ba dirisa dipampiri tsa dituelo tsa mmereko tse e seng tsa boammaaruri go leka go reka dilwana mo lebenkeleng leo.

Rre Maphephu a re e ne ya re ba phuruphutsha ba fitlhela borre bao ba tshwere dipampiri tsa theko tse di supang fa ba setse ba kgonne go reka dilwana mo mabenkeleng a mangwe ka go farologana ka boferefere.

Rre Maphephu o kopile beng ba mabenkele gammogo le babereki go tsaya bosupi jo bo tletseng ka ga moreki, segolo jang a dirisa pay slip pele a ka rekisediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : BOBONONG

Event : Ditlhotlhomiso tsa sepodise

Date : 09 Dec 2014