Breaking News

Khansele e okeletsa konteraka nako

09 Dec 2014

Mogolwane wa lephata la ditsela mo khanseleng ya kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Boemo Onamile, a re khansele e dumelane go okeletsa konteraka e e thapilweng go baakanya ditsela tse di tsenang mo maemelong a dipalamo tsa setshaba malatsi go fitlhelela kgwedi eno ele masome a mararo.

Rre Onamile o boleletse mo potsolotsong gore khansele e tsere tshwetso ya go okeletsa konteraka eo nako ya go wetsa tiro eo ka jaana go wediwa ga tiro eo go kgoreleditswe ke letlhoko la mebu e e neng e tshwanetse go dirisiwa mo ditseleng tseo.

O tsweletse ka go tlhalosa fa khansele e tla dirisa P810 000 go baakanya ditsela tseo tsa sekgele sa dimithara di le 880. 

A re lefa ditsela tseo di ne di tshwanetse go wediwa ka Ngwanatsele a le lesome le bosupa jaanong khansele e tsere tshwetso ya go okeletsa konteraka eo ka malatsi a le masome a mane le boraro go wetsa tiro eo, e go bolelwang e tsositse kgotlhang fagare ga khansele le badirisi ba tsela gammogo le beng ba dikoloi tse di pegang setshaba.

Mabapi le go agiwa ga maemelo a masha a dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye, Rre Onamile o boletse gore lefa tiro eo e ne ele mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome, sebe sa phiri ke gore tiro e ne ya seegelwa kwa thoko ka ntlha ya kwelo-tlase ya itsholelo ya mafatshe e e neng ya kokonela lefatshe la Botswana.

A re fa itsholelo ya lefatshe la Botswana e ka tokafala go dirwa ga maemelo a dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye go ka dirwa ka jaana tiro eo jaanong e tsentswe mo lenaneong la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bolesome le motso gammogo le go dirwa ga dipompo tsa kgopo ya metsi a a leswe.

E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa konteraka ya Drosophilla Rre Eric Tobaka a tlhalosa fa khansele e ba okeleditse nako ka jaana ke yone e e neng e tlhaelelwa ke mebu e e tshwanetseng go dirisiwa mo ditseleng tseo. 

Rre Tobaka o rile le fa ba letleletswe go wetsa tiro eo ka Sedimonthole a fela, o na le pelaelo ya gore tiro eo ga e kake ya wediwa ka letsatsi le le beilweng ka jaana khansele ele gone e bonang mebu e e ka dirisiwang mo tseleng eo kwa Tewane e bile a bolela fa jaanong ditsela tseo ele gone di tla simololwang go dirwa.

Mokwaledi wa lekgotla la dipalamo tsa setshaba mo Mahalapye, Mme Neo Letsibogo o kgaletse khansele le konteraka eo go palelwa ke go wetsa ditsela tseo mo nakong e e beilweng.  

Mme Letsibogo o boletse fa go tlhoka go wetsa tsela ka nako go kgoreletsa tiro ya bone ya go isa setshaba kwa se tshwanetseng ka jaana ditsela di sa tsamaege e bile go baya matshelo a batho mo diphatseng ka go ka nna ga baka dikotsi tsa go thulana ga dikoloi ntateng ya mosuke mo maemelong a dipalamo tsa setshaba. BOKHUTLO

Source : Boitshepo Setogile

Author : Boitshepo Setogile

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 09 Dec 2014