Breaking News

Ikaneng o ikemela ka dinao

08 Dec 2014

Mme Julia Ikaneng wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa Serowe mo kgotleng ya goo Chichana ke mongwe wa Batswana ba lefatshe leno ba ba dumelang fa go sa bona sebaka go tswelela ka tsa thuto e se bokhutlo jwa botshelo ka jaana go na le ditsela tse dintsi tse motho a ka itshetsang ka tsone.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Ikaneng o tlhalositse fa a ne a seka a tsaya letlhoko la ditiro le le apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba e le seipato mme a tswa ka leano la gore a inamole mo lehumeng la nta ya thogo.

Mme Ikaneng a re o ne a nna le kgatlhego ya go rokela batho diaparo tsa manyalo ga mmogo le paka ya bana ya dikole.

“Ke feletse ka lokwalo lwa bosupa mme e ne ya re ka ngwaga wa 1989 ka ya sekoleng sa ithutelo tiro ka diatla kwa Tlhoafalo Center mo Serowe mme ka itebaganya le go roka” a bua jalo Mme Ikaneng a tlatsa ka go tlhalosa fa go yeng sekolong seo a ne a rotloeditswe ke ba masika ka bogakolodi jwa go latela metlhale ya khumo.

Mme Ikaneng o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e ne e direla mo lwapeng pele mme ya bona kgolo ka ngwaga wa 2000 fa a ne a bona dithuso go tswa khanseleng ya kgaolo ya legare ka lenaneo la Financial Assistance Policy. 

A re o ne a kgona go reka tsotlhe tse di tlhokafalang mo kgwebong ya gagwe mme a bona sebaka sa go ya go direla kwa mmarakeng wa Serowe.

O tsweletse a tlhalosa fa e ne ya re go tloga foo a seka a ipona tsapa go ntsha ga tshwene mme a kgathisa matlho a bafeti le tsela ka go roka diaparo thata thata a ganeletse mo leteising ka a re le ne le na le tatedi e ntsi le ratiwa ke batho.

A re ka jaana kgwebo ya gagwe e le e e laolwang ke dipaka tsa ngwaga, o itlamile go itepatepanya le se se tlhokafalang mo pakeng nngwe le nngwe ya ngwaga. 

A tlhalosa fa se, se mo dira gore a kgotsofatse dikeletso tsa bareki ba gagwe.

“Mo nakong eno ke ya selemo e e nang le manyalo a mantsi e bile e tlhokana le kapari e e motlhofo ya diaparo, ka jalo ke tshwanelwa ke gore ke itse gore batho ba thokana le diaparo tsa mofuta ofe wa paka e” a bua jalo.

Gareng ga tse dingwe mme Ikaneng a re o tshwenyega ka fa go abiwang di tender tsa go rokela dikole paka ya sekole ke khansele ya bana ba ba thusiwang ke puso.

O tlhalositse fa go abiwa di tender go lebeletswe palo ya dikole e moroki a leng mo go yone mme baba mo kgaolwaneng e e palo nnye ya dikole go ba beye ka fa mosing go bona sebaka sa go ka rokela dikole paka ya sekole, ka jalo a re seemo se se beiwe leitlho fela thata ke puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 08 Dec 2014