Breaking News

Taolo o amogela ntlo

08 Dec 2014

Moruti wa Kereke ya St John Apostol Faith Mission of Botswana kwa Maun, Mme Onameditse Mpho o akgoletse Kagiso le Funeral Services Group go agela Rre Masole Taolo ntlo.

E rile a bua kwa moletlong wa go neela Rre Taolo mpho eo, Moruti Mpho a ba kopa gore ba tswelele ka mokgwa o ba o simolotseng wa go aba gore ba tle ba bone ditshegofatso. Fa a itebaganya le bana ba ga Rre Taolo, o ba kgothaditse gore ba seka ba itlhoboga mo botshelong ka jaana ba sa itse se bokamoso bo se ba tsholetseng mme a ba gakolola go ikgapa mo nnotaging.

Modiri wa kompone ya FSG, Mme Keba Motsumi ene o tlhalositse fa ba dirisitse madi a a ka tshwarang dikete di le masome a mararo a dipula go aga ntlo eo mme a tlhalosa gore go ne go se motlhofo go dira jalo ka ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya mo dikomponeng tse di farologaneng go kopa dithuso.

O tsweletse a re ba ne ba dira mogwanto gore ba kgone go bona se ba ka simololang ka sone le gone go nna ba tlatsa ka matsana a ba a amogelang gore ba fitlhelele maikaelelo a bone. A re tota ba ne ba batla gore ere le bone nako ya fa ba tswa mo motseng wa Maun, ba bo ba tlogetse motlhala wa sengwe se ba se dirileng.

O tlhalositse fa ba ne ba ikgolaganya le ba boipelego ba ba neng ba ba neela leina la ga Rre Taolo mme a re ba tsere kgwedi fela gore ba bo ba feditse ntlo eo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Boseja, Rre Nico Folae o lebogile badiri bao fela thata a bo a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo ka jaana o ka supegetsa batho gore le bone ba kgathala ka botshelo jwa batho ba bangwe. A re maiteko a ba a supileng ao ke lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, a tlatsa ka gore tiro ya mofuta oo ke yone e e ka dirang gore setshaba se ba tlhaloganye botoka go na le go itsiwe fela ka go baya direpa.

Mongwe wa ba ba lebogilweng gape  ke Rre Thebe Disipi yo go bolelwang fa a ithaopile go aga ntlo eo kwa ntle ga dituelo dipe.

Fa a amogela mpho ya gagwe, Rre Taolo o boletse fa a leboga Modimo o o romileng bana ba kompone tseo go tla go mo direla fa a ka latsang tlhogo teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Moletlo wa go rola ntlo semmuso

Date : 08 Dec 2014