Mosadi o fitlhetswe a tlhokafetse
08 Dec 2014
Mapodise a Serowe a tlhotlhomisa leso la mme wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe wa kgotla ya Mannathoko yo o fitlhetseng a tlhokafetse mo ntlong.
Mo potsolotsong bosheng, motshwarelela ramapodisi a Serowe, Rre Molefhe Molefhe a re go ya ka ditlhotlhomiso tsa bone, mme yo go belaesega a kitikilwe ka a fitlhetswe a tletse madi e bile a na le ntho mo letlhaeng.
Ramapodise o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Ramogate kwa Serowe yo e bileng go kaiwa e ne ele mokapelo wa moswi go ba thusa mo ditlhotlhomisong.
Go sale foo, ramapodise a re ditiragalo tsa mofuta o di a tshwenya gonne e ne ya re bosheng ba bona go tshwanela go ruta setshaba ka kgokgontsho e le go leka go e fedisa. A re molaetsa wa bone o remeletse thata mo go borre ka a re gantsi ke bone ba nnang ba amega thata mo ditiragalong tsa mofuta o.
O tsweletse a re borre ba tshwanetse go kopa thuso mme a ba tlhagisa go emisa mokgwa wa go hupelela fela ka moteng, a re go na le mekgatlho ele mentsi e ba ka kopang thuso teng jaaka ya go agisanngwa kgotsa go sidilwa maikutlo.
A re ke nako ya gore borre ba rutiwe go bua, ba bo ba lemotshiwe fa kgokgontsho e se yone tharabololo ya mathata e bile e okeletsa mathata pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 08 Dec 2014