Tlhokomelang leruo - kgosi
08 Dec 2014
Kgosi Ramosenyi Radipitse wa Tonota a re banni bangwe ba re ba tshwenngwa ke leruo le le seng mo taolong le akaretsa dipodi, dikgomo le ditonki tse di sasankegang mo motseng.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisa bosheng, e banni ba kaileng fa ba itse ka masaka a a mo motseng a a agetsweng leruo le le timetseng mme ba re sebe sa phiri ke gore ba fekeetswa ke monko wa motshotelo wa leruo leo mo masakeng ao.
Kgosi Radipitse o laotse gore go epiwe mafuti a a agilweng ka semente gore motshotelo o nne o katelwa mo teng fa banni bone ba ne ba dumalana gore tlhokomela leruo mme fa go tlhokegang ba tla a tlhatlhela le le timetseng mo masakeng a a mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Terry Makgoeng
Location : FRANCISTOWN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Dec 2014