Banana ba rotloediwa go ikanya Modimo
08 Dec 2014
Banana ba kgothaditswe go ikanya Modimo mo matshelong a bone ka e le ene fela a ka emisang mekgwa e e maswe e gantsi e dirwang ke banana.
Moruti wa kereke ya God In Action kwa Mochudi, Rre Isaac Makhoba o buile seo kwa thuto-puisanong ya banana e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Kgatleng ka Labotlhano, a tlhalosa fa Modimo a le botlhokwa mo matshelong a batho le ntswa bontsi jwa batho bo sena sepe le one.
O tsweletse a re o rotloetsa setshaba go leboga Modimo moso le moso ka ba bo ba kgonne go bona tlhabo ya letsatsi.
O tsweletse a supa fa tshaba e e boifang Modimo e le botlhale, a tlatsa ka gore batho ba tshwanetse go nna le botsalano le Modimo ka e le yone tsela e motho a ka tshelang sentle ka yone.
Moruti a re batho ba na le mokgwa wa go supa mapodise ka monwana ba tlhalosa fa ba sa dire tiro ya bone mme a re fa batho ba sa ikage ka bo bone ka go tlogela ditiro tsa borukhutlhi le go ikanya Modimo ka nako tsotlhe, mapodise a le nosi ba ka se kgone.
A re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna lepodise la motse wa gagwe, a supa fa tiro ya baruti le yone e le go sireletsa setshaba se ba direlang mo go sone jalo a re ke sone se se mo gwetlhileng go tla go amogana lefoko le banana mo thuto puisanong eo.
Moruti Makhoba a re fa go ka tswelela go tshwarwa dithuto puisano tse di rutang banana go ikgapha mo ditirong tse di makgaphila gongwe ba tla fetola boitshwaro jwa bone. O rotloeditse mapodise go tswelela ba nna le dipitso tseo le fa go ntse jalo a ba kopa gore nako e e tlang ba laletse le banana go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng le ba ba sa tseneng dikereke ka e se monana mongwe le mongwe yo o tsenang kereke kgotsa a ineetse mo Modimong.
Fa a tswa la gagwe Constable Vincent Mosenye o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi leo e le go amogana dikitso le banana ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong, le gone go tla go thusana ka fa ba ka lwantshang borukhutlhi ka teng e le banana.
E ntse e le kwa thuto puisanong eo, moitseanape wa dikgang tse di amang madi, Rre Calvin Phokontsi o rotloeditse banana go dirisa madi a bone sentle ka go le gantsi batho fa ba bereka ga ba akanye go ikokotletsa madi gonne bontsi jwa batho ba jela fela mo ganong.
A re gore motho a nne le botshelo jo bo ka elediwang ke mongwe le mongwe ke fa a kgona go ikokotleletsa.
O tsweletse a re batho ka bontsi ba supa fa ba palelwa ke go kokotletsa ka ba re ga ba amogele madi a mantsi mme a re kgang ga se go amogela madi a mantsi gonne le fa motho a amogela madi a a sa lekaneng o tshwanetse go ikitaya ka thupana gore bonyenyane jo bongwe o bo ise kwa bankeng go ikokotleletsa.
E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, mookamela mapodise a Mochudi Superintendent Olebile Sitale a bolela fa a tshwenngwa ke gore go le gantsi fa ba bitsa dipitso tse mo go tsone ba lekang go lwantsha mathata le go tla ka ditharabololo tsa one, banana ga ba di tsibogele.
Ka jalo a re ba bone go le maleba go nna le letsatsi le le itebagantseng le banana ba ba setseng ba bereka go tla go rutana le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Thuto-puisano
Date : 08 Dec 2014