Bagodi ba tlhoka go dibelwa
08 Dec 2014
Batsadi ba botlhokwa fela thata mo botshelong jwa bana ka jaana e le bone bakaedi ba setshaba.
E rile a bua mo moletlong wa go abela mokgatlho wa Re Fa Ka Bone Caring Centre dimpho tsa keresemose kwa Ramotswa ka Labotlhano, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la ga Malete, Rre Equator Makhura a bolela fa motsadi e le motho yo o lerato e bile a tshwanetse go sireletsa ngwana mo kgolong ya gagwe ka jalo a re go botlhokwa gore bagolo ba fiwe lorato le go ba dibela mo masuleng a ba ka kopanang le one nako tsotlhe.
A re lekgotla la kabo ditsha la ga Malete ga le farologane gope le morafe ke ka moo le boneng go le botlhokwa go abela mokgatlho o o tlhokomelang bagolo oo dimpho.
O tsweletse a tlhalosa fa tiro eo e se ya ntlha e dirwa ke lekgotla leo a bolela fa ba agetse batlhoki ba le babedi matlo kwa Ramotswa le Otse bosheng mme a re ba ya go aba gape le kwa Moshupa le Struizendam.
Rre Makhura a re se ke maiteko a lekgotla leo a go aga botsalano le morafe a supa fa ba kgothadiwa ke molaetsa o o tswang mo baebeleng o o reng go sego letsogo le le abang.
A re gape baebele e tshwanetse go nna seikokotlelo sa mongwe le mongwe ka jaana e fa bokaedi jwa gore motho o ka tshela jang le ba a nnang le bone.
Fa a ntsha la gagwe, Rre Daddy Mogorosi o gwetlhile modulasetilo wa mokgatlho oo go isa kopo ya bone ya setsha kwa Malete Land board ka jaana go tlhoka setsha go ba amoga dithuso go tswa kwa makgotleng a a farologaneng.
A re maiteko a mokgatlho o a go tlhokomela bagolo a tla itaya sefololetse fa beng ba setsha se mokgatlho o direlang mo go sone ba se batla.
Rre Mogorosi a re o eletsa go bona mokgatlho o, o ikopela dithuso tsa madi a go batla go aga o sena go fiwa setsha se eleng sa one eseng se ba se hirisitseng. O boile gape a gwetlha batsadi gore ba buisane le bana gore ba fokotse go rekisa ditsha ka gonne lefatshe ele boswa jwa sennela ruri.
Moemedi wa mokgatlho oo, Mme Akanyang Mokwena a re nngwe ya dikgwetlho tse ba nang le tsone ke go tlhoka koloi e e tsayang bagolo e ba isa kwa ba tlhokomelelwang teng le go ba busetsa kwa malwapeng a bone. A re mangwe a maikemisetso a bone ke go sidila batsadi maikutlo le go fokotsa maina a a dirisiwang go kgoba ba-na-le-bogole. O tsweletse a re go botlhokwa go tlhokomela bagolo ka jaana ditshegofatso tsa mongwe le mongwe di le mo go bone.
O tlhalositse fa mokgatlho o o setse o dirile kopo ya setsha e e supileng fa e ne ya bewa monwana ke kgosikgolo ya Balete mme ba santse ba letetse karabo go tswa kwa ofising ya kabo ditsha ya ga Malete. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : RAMOTSWA
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 08 Dec 2014