Lekgotla le rotloetsa dikereke go bopagana
08 Dec 2014
Lekgotla la Organisation of African Instituted Churches (OAIC) le rotloeditse dikereke tsa semoya mo kgaolong ya Boteti go bopagana le go nna seopo se le sengwe go tsisa kagiso mo lefatsheng leno.
E rile a bua kwa bokopanong jwa dikereke tsa semoya ka Matlhatso, mokwaledi wa ofisi ya ga tautona wa lekgotla leo, Mme Lebogang Resesego a tlhalosa fa maikaelelo a lekgotla la OAIC ele go nonotsha ngwao ya tumelo ya dikereke tsa semoya, go rutuntsha maloko ka kitso ya baebele, go aga le go tlhabolola motho mo semoyeng, go rotloetsa thuto, kakanyo le botsalo jwa dikereke tsa se Aferika ga mmogo le go atametsa dikereke tsa semoya mo Modimong.
A re lekgotla leo le itebagantse le dilo tse di tshikinyang bokeresete jaaka dikotsi tsa dikoloi tse di yang kwa godimo letsatsi le letsatsi, boimana, tlhakanelo dikobo pele ga lenyalo, tiriso ya nnotagi phetelela le go lwantsha lehuma.
E rile a tswa la gagwe tautona wa OAIC, Rre Tebogo Motlhagodi a kgothatsa dikereke tsotlhe le makalana a a farologaneng go tlotla molao wa dikereke tse dingwe le molao motheo wa lefatshe leno.
Rre Motlhagodi o tlhalositse fa lekgotla la OAIC le baya dikeletso tsa setshaba kwa pele ka jalo dikereke di tshwanetse go dirisana le dikgosi, makhanselara, mapalamente le mapodise go aga setshaba le go lwantsha borukhutlhi mo lefatsheng leno.
O tsweletse a rotloetsa dikereke tsa semoya mo Boteti go ikwadisa mo lekgotleng la OAIC ka lekgotla leo e le lentswe la botlhe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mme le rotloetsa dikereke go emisa go isa dikereke tse dingwe kwa kgotla tshekelo fa di sa utlwisisane ka seo se gogela seriti sa kereke mo seretseng. A re o tshwenngwa ke dikereke tse di ikgatholositseng go rera lefoko la Modimo ntswa e le lone le agang setshaba.
Rre Motlhagodi a re dikereke fela jaaka makalana a mangwe di laolwa ke molao wa lefatshe la Botswana mme di tshwanetse go supa fa di sala morago molao oo.
O kgothaditse baruti botlhe go tsenya letsogo mo go tsa sepolotiki le go nna sekai se se lolameng mo setshabeng.
A re o tshwenngwa ke dikereke tsa semoya tse di obamelang ka fa tlase ga ditlhare jalo a di rotloetsa go ikagela lefelo la kobamelo la sennela ruri e bile le babalesegile. O tlhalositse fa lekgotla la OAIC le ikgolagantse le sekole se segolwane kwa Aferika Borwa ka maikaelelo a go rutuntsha baruti ba dikereke tsa semoya.
E rile a lekodisa tautona wa OAIC ka seemo sa dikereke tsa semoya mo Boteti, moruti wa kereke ya Holy Bontle Apostolic Church, Bishop Lawrence Gagobotswe Nkhisang a tlhalosa fa dikereke tseo di lebanwe ke kgwetlho ya kgokgontsho, go tlhoka tsebe ga maloko a dikereke dingwe le go nna mmogo ga batho ba sa nyalana.
Kgosi wa motse wa Letlhakane, Rre Baruntshi Kegapetswe ene o tlhalositse fa go na le dikereke tsa semoya di feta makgolo a matlhano mo Letlhakane mme dingwe tsa tsone di sa kwadisiwa ka fa molaong.
O tsweletse a re o tshwenngwa ke dintwa mo dikerekeng dingwe mme a supa fa dikereke tsa semoya le tsa pholoso di tshwanetse go nna seopo se le sengwe go aga setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Oarabile Mawele
Location : LETLHAKANE
Event : Bokopano jwa dikereke tsa semoya
Date : 08 Dec 2014