Balemi ba kopiwa go obamela tsamaiso ya ISPAAD
08 Dec 2014
Kgosi James Tekanyo wa Kgoro mo kgaolong potlana ya Good Hope a re ba tshwenngwa ke leruo le le tlhatlhelwang mo terateng ya masimo a batho ba ba ikgobokantseng ntswa molao wa ISPAAD o le kgatlhong le seo.
Mo puisanong bosheng, Kgosi Tekanyo o tlhalositse fa baagisanyi le beng ba masimo a Kgoro ba tlhatlhela leruo la bone mo terateng eo ntswa puso e tlhagisitse gore leruo le seka la tsena mo go yone ka gore le bakela dijalo mhero fa go setse go lemilwe.
A re fa go ntse jalo, o tlhagisa botlhe ba ba itseng gore ba tlhatlhetse dikgomo tsa bone mo teng ga terata eo go di ntsha ka jaana letsema le setse le simolotse. Kgosi o tlhagisitse batho ba ba bulang diheke gore ba emise go dira jalo ka gore dikgato tse di maleba di tla a tsewa kgatlhanong le bone.
A re o tlhagisa gape gore fa ba komiti ya terata ya masimo ba ikopanya go ya go ntsha dikgomo tseo, beng ba tsone ba tla a tla go di golola kwa kgotleng ka dikatlholo tse di maleba. Kgosi o tsweletse a re beng ba dikgomo tseo, ba di tlhatlhela ba itlhokomolosa taelo ya puso ya gore ba tlhokomele leruo la bone go le itsa go tsena mo teng ga terata eo.
E rile a tswa la gagwe, modula setilo wa komiti ya terata ya masimo ya ba ba ikgobokantseng Rre Kagiso Tlhobogang a re beng ba dikgomo tse ba tshwanetse go ela tlhoko molao-motheo wa komiti ya terata ya masimo a batho ba ba ikgobokantseng o o ikaegileng ka ditsetlana tsa lenaneo la balemi-barui la ISPAAD, o o bolelang gore go fudisa mo teng ga terata ya ISPAAD ga go letlelelwe.
A re molao-motheo o tlhalosa gape gore masimo a a sa tlhabololwang a tla a tsewa a bo a neelwa ba bangwe le gone gape ba ba sa kgoneng go tlhabolola le go lema masimo a bone ba letlelelwa go adima ba bangwe mo nakong e e dumalanweng.
Rre Tlhobogang o tsweletse a re molao motheo o pateletsa botlhe ba ba nang le masimo go nna maloko a setlhopha sa ISPAAD le gore maloko otlhe a duele madi a boloko le a kgwedi le kgwedi.
A re molao o tlhalosa gape gore maloko a a sa saleng morago molao motheo, ba tla kgaphelwa kwa ntle mme se se bake gore ba seka ba akola mananeo a ISPAAD le gone go ntshiwa mo go tsweleleng ba nna maloko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dineo Modikele
Location : KGORO
Event : Potsolotso
Date : 08 Dec 2014