St Conrads e ipelela phenyo
08 Dec 2014
E rile bosheng khwaere ya St Conrad’s kwa Ramotswa ya bo e ipelela phenyo ya dikopi tse tlhano tse ba di fentseng kwa dikgaisanong tsa moopelo wa dikereke tsa Roma kwa Aferika Borwa.
Mogolwane wa khwaere eo, Rre Lekgotla Dingalo, o supile fa ba simolotse ka go gapa sekgele mo dikgaisanong tsa mono mme ba nna bangwe ba ba emetseng dikhwaere tsa Roma kwa dikgaisanong tsa Aferika Borwa.
O tlhalositse gore mo dipineng tse thataro tse ba neng ba di gaisanela, ba fentse di le tlhano, ba tsaya maemo a ntlha mo dipineng tse pedi, a bobedi mo go e le nngwe le a boraro mo dipineng tse pedi.
Rre Dingalo o tlhalositse fa khwaere ya banana e gapile maemo a ntlha mo pineng ya Mbuti ya Shizwele, e tlhamilwe ke DC Marivate, fa khwaere e tona yone e a gapile mo pineng ya Ngiyakholwa e tlhamilwe ke Qinisela Sibisi.
Le fa go ntse jalo, o lebogile ba lebenkele la Spar go ba thusa ka P30-000 go ya dikgaisanong tseo mme a re ba na le kgwetlho ya go aga khwaere ka jaana e ntse e opelelwa ke bagolo mme jaanong ba latlhetse jalo ba beile mo bananeng go tshegetsa serodumo sa yone.
Rre Dingalo o boletse fa kgwetlho e tona e le go tlhoka go kopana sentle ga banana ka ntlha ya ditshwarego tsa sekolo le letlhoko la madi.
Ntle le tseo, Rre Dingalo o boletse fa ba leka ka bojotlhe go tlisa maduo a mantle, a supa fa a kgona go bitsa moopedisi e bile e le motlhami Rre Kgotlaetsile Pule go tswa kwa Aferika Borwa go tla go rutuntsha khwaere ya bone.
O supile fa a rutuntsha le bangwe ka ene go opedisa khwaere jaaka Rre Mpho Radikara, yo a supileng fa a kgona go e opedisa fa a seyo.
Rre Dingalo o boletse fa a opedisa le khwaere ya Andante, e le yone a supileng fa e dira bontle fela thata.
Moanamisa mafoko wa khwaere ya St Conrad’s, Rre Thapelo Kelaotswe o supile fa ba kgonne go gapa dikgele tse ka ntlha ya boitshoko, lorato le kagiso tse ba nang le tsone gammogo le thotloetso le dithapelo tsa bakaulengwe ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Dikgaisano tsa moopelo
Date : 08 Dec 2014