Bagodi ba abetswe dijo
08 Dec 2014
E rile bosheng The Village Church kwa Maun ya abela bagodi ba le masome a matlhano le botlhano dijo, dilo tse di tlhapang le go ba direla dijo tsa keresemose.
Fa a bua kwa moletlong o o tshwarwang ngwaga le ngwaga, Moruti Gary Pelotshweu a re dimpho tseo di tswa kwa malokong a kereke eo go supa lerato la Modimo.
A re kereke eo, e na le dingwaga di le masome a mabedi le borataro e le mo lefatsheng leno mme e ntse e tsweletse ka go thusa ka mowa o le mongwe fela. O boletse fa mo ngwageng o o fetileng, ba agetse mogolo mongwe ntlo mme ba setse ba amogetse dipego tsa gore batho bangwe ba senya ntlo eo.
Moruti Pelotshweu a re fa tshenyo ya go nna jalo e ka tswelela e tla a ba kgoba marapo mo go direleng bagolo ba go nna jalo. A re bangwe ba ka tswa ba itse batho ba ba dirang jalo mme a re ke mowa fela o o sa siamang.
Moruti Benjamin Makwaza a re nako ya keresemose ke ya go abelana dimpho ka jalo ba bone go le botlhokwa gore ba kgaogane le ba bangwe se ba se tshwereng. A re mme kana go aba go tshwanetse ga nna le yo o amogelang jaaka fela go boletswe gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
Fa a ntsha malebo, kgosana ya kgotla eo, Rre Ditsiane Diramoka o akgotse kereke eo le mokgatlho wa yone wa Love Botswana a tlhalosa gore fa e sale ba simolola go direla mo kgotleng ya Boronyana ba ba thusitse ka dilo di le dintsi fela thata.
O bile a ba kopa gore ba tswelele ka mowa o montle oo ka a re ke one o o ka supang se tota ba leng sone mo setshabeng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana eo, Mme Gabanathuso Olebogeng o ba kopile go tswelela ba dira tiro e ntle eo, a ba a tlhalosa gore ga se batho botlhe ba ba kgonang go thusa bagodi le fa e le batsadi ba bone.
Kereke eo e ile gape ya abela bana ba feta makgolo a mabedi dimpho tsa keresemose.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo wa go aba
Date : 08 Dec 2014