Dirisang mananeo a puso go itlhabolola
07 Dec 2014
Mogolwane wa lekalana la LEA mo kgaolong ya legare,mme a direla kwa Serowe Rre Onalenna Mmati, a re mmuso o simolotse go rotloetsa Batswana go dira dikgwebo tse dipotlana ka maikaelelo a go tswakanya itsholelo le go inola Batswana mo lehumeng la ntla ya tlhogo.
Rre Mmati o buile jalo kwa ditshupong tsa lenaneo la nyeletso lehuma tse di neng di tsenwe ke bagwebi ba ba botlana go tsweng mo dikgaolong potlana tse di welang mo kgaolong ya legare di supa jaaka kgaolo potlana ya Tutume, Tonota, Boteti, Bobirwa, Serowe, Palapye le Mahalapye, tse setlhogo sa tsone se reng boipelego konokono ya go nyeletsa lehuma ka ngwaga wa 2016 le go feta.
A re ere ntswa Mmuso ka makalana a tshwana banka ya ditlhabololo tsa setshaba,lephata la banana, metshameko le ngwao, lephata la boipelego le lephata la papadi le madirelo a tsweletse ka go thusa Batswana ka madi le dikitso tsa go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go direla banana ba lefatshe leno diphatlha tsa mebereko,o swabisiwa ke go bona Batswana ba santse ba goga dinao go dirisa dithuso tsa go nna jalo.
Rre Mmati o rile ele bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go ipopa ditlhopha go simolola dikgwebo tsa dikoporase ditshwana Baji-Bareki, Theko le Thekiso le Mabogodika ka dile bogadi bogaufi mo go direng dipoelo le go tswakanya itsholelo e ntseng e ikaegile ka ditswa mmung le Bojanala.
Mongwe wa dibui kwa ditshupong tseo, ene ele mogolwane wa lephata la boipelego gotsweng kwa Serowe Mme Josephine kgolagano, yo a neng a kopa botlhe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go somarela didirisiwa tsa bone le go ititaya sehuba mo go phadisaneng le bagwebi ba bangwe go sa kgatlhalesege gore ba kopana le dikgwetlho tsa mofutla ofe.
Mme Kgolagano o rile ere ntswa Batswana batswa goo-loo ba itshetsa ka boipelego jwa go tlhokomelela ba bangwe dikgomo tsa mafisa le go tshwarela ba bangwe megoma ka dipaka tsa temo gore le bone kgabagare ba kgone go oba lotsogo, o hakgamatswa ke go bona gompieno Batswana ba retelelwa ke go dirisa mananeo a Puso le mororo mangwe a one a neelwa batho mahala.
A re lefa lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka mmaraka o Batswana o b aka rekisang dithoto tsa bone kwa go one, seo gase a tshwanela go ba kgoba marapo ka jaana ba tshwanetse go itepatepanya le go phadisana le bagwebi a mafatshe a mangwe ka go rekisa dithoto tse di nang le boleng.
E rile kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi a amogela baeng mo motsing wa gagwe,a kopa Batswana go akgola tautona Khama le Mmuso wa gagwe ka go simolola maneo a ka thusang Batswana go ikinola mo lehumeng la nta ya tlhogo jaaka lenaneo la ISPAAD, lenaneo la Nyeletso lehuma le la Ipelegeng a mo nakong ya gompieno go bolelwang a tlhapile Batswana bale bantsi segolo jang kwa metsing ya magae.
Moanamisa mafoko wa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Phatsimo Batshogile o boletse fa lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo mo kgaolong ya legare le simologile kwa Serowe ka ngwaga wa 2011,mme morago la anamela kwa dikgaolong potlana tsa Tutume, Tonota, Boteti le Mahalapye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Ditshupo
Date : 07 Dec 2014