Breaking News

Bonno konokono

07 Dec 2014

Go nna le seriti sa bonno ke selo se se botlhokwa fela thata mo botshelong jwa motho, bogolo jang thata le mo kgodisong ya ngwana.

Mafoko a, a builwe ke Kgosi Elijah Makgoeng kwa moletlong wa go abela bana boorra Rebafitlhetse ba le supa kwa motseng wa Mabeleapudi.

Bana boorra Rebafitlhetse ene ya sale ele dikhutsana morago ga gore batsadi ba bone ba tlhokafale mme b aba tlogela ba nna fela mo mokhukhung, mme ba sekole se sebotlana sa Mabeleapudi b aba agela ntlo ya dikamore di le tharo gore ban ne mo go yone.

Kgosi Makgoeng o ne a tlhalosa gore ka bonno ban aba, ba tsile go nna le seriti e bile b aka kgona go dira sentle mo dithutong tsa bone ka go nale fa ba nnang teng.

A re ba sekole sa Mabeleapudi ba file bana ba, mpho e ka yone e tsileng go nnela ruri mme le bone botlhoko ja gore ba latlhegetswe ke batsadi ba le bannye bo tsile go fokotsega ka jaanong ban ale tsholofelo mo botshelong.

O ne a tlhalosa gore ga se mang le mang mo setshabeng yo ka thusang ban aba ka fa b aba thusitseng ka teng bogolo jang ka le masika ba ne ba sena one sentle mme ba itseelwe ke Mme Thusego Rainong yo eleng moagisanyi wa bone.

Kgosi Makgoeng a re Mme Rainong le barutabana ba Mabeleapudi ba dirile go ka tlala ka diatla ka ban aba ba santse bale ba nnye, a tlatsa ka gore Mme Rainong yo le ene a ithsokolelang o ne a sa ipone tsapa go tsaya bana a ba tlhokomela ntse a nale ban aba bantsi le ene.

A re bonno ke konokono mo matshelong a botlhe, ke ka moo puso e kopile setshaba go thus aba bangwe mme ka tshwaragano le go ema ka dinao ba le bantsi ba utlwile selelo se.

A re moo ke gone go supa le one mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng, mme ban aba tsile go nna ka phuthologo ba be ba tsoge ba nnile baeteledi pele ba tlhwatlwa b aba nang le boiakrabelo ka jaanong ban ale fa ba bayang tlhogo teng.

Kgosi Makgoeng o ne gape a kopa bana ba le fa ba le bannye go tlhokomela mpho e ya ntlo ka ga se mang le mang mo botshelong yo o e boning, a re ba itse gore e tshwanetse ya nna phepa e bile ba ikgaphe mo dilong tse di sa siamang go efa seriti.

E rile a bua ka tiro e, modulasetilo wa komiti ya barutabana ba sekole sa Mabeleapudi Mme Kelebogile Kgotlaetsile a supa fa go ne go se motlhofo gore ba felele ba agile ntlo e ba saleng ba simolola go e kokoanyetsa madi ka ngwaga wa 2010.

A re le bone fela jaaka ba na le mowa wa bopelotlhomogi bane ba bona gore ba agela ban aba fa ba ka nnang teng ka e bile bangwe ba bone ba ne ba setse ba sa tsene sekole mme ba le bannye ka go nne ba sena fa ba ka nnang teng.

Mme Kgotlaetsile a re ba ne ba ikopanya ele barutabana ba dira ka gotlhe go bona gore ban aba ba nna le bonno gore batle ba tsene sekole sentle, le ntswa Mme Rainong yo eleng moagisanyo le bone a ne a setse a ithaopile go ba tlhokomela le fa ntswa a sokola.

A re ba ne ba kopa dithuso mo bathong le mo setshabeng go bona gore ba agela bana ba ntlo mme le bone ele barutabana ba ikanapa go bona gore b aka dirang eng go bona gore bana boorra Rebafitlhetse ba nna le ntlo.

O ne a akgola ba banka ya Serowe Botswana Building Society, Serowe Library le mabekele ka go farologana mo Serowe a tshwana le la PEP, Dunns, Furnmart, Glass Corner ga mmogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mabeleapudi go bo ne lebone ba ne ba tsenya letsogo fela thata go bona gore ban aba, ba nna le ntlo.

Mme Kgotlaetsile o akgotse le botlhe b aba ikemetseng mo setshabeng ka dithuso tse ba di ntshitseng go bona gore ban aba ba nna le bonno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SEROWE

Event : Moletlo wa go aba

Date : 07 Dec 2014