Breaking News

Nnang le seabe mo go thuseng puso

07 Dec 2014

Head Mountain of God Apostolic Church in Zion, e e neng e tshwere bokopano jwa maloko a kereke eo, kwa motseng wa Jackalas No 2 ka Matlhatso e abetse mmuso madi a a kana ka dikete tse di masome a mararo a dipula.

Madi ao go kaiwa fa a tla thusa go tlamela bana ba dikhutsana mme a abilwe kwa bokopanong jo bo neng bo tsenwe ke maloko a kereke eo go tswa mo makalaneng ka go farologana a lefatshe leno ka bophara.

Fa a bula semmuso bokopano joo le go amogela mpho eo, Mothusa Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre France Van Der Westhuizen o ne a re go botlhokwa gore dikereke di nne le seabe mo go thuseng puso mo maitekong a go tokafatsa matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Rre Van De Westhuizen, yo gape eleng mopalamente wa Kgalagadi Borwa o ne a galaletsa ba kereke eo ka bopelotlhomogi jo ba bo supileng mo go bao ba ba tlhokileng lesego.

A re go dira jalo ga kereke ke yone tsela e e tlhamaletseng ya go supa tumelo ga badumedi, mme a re tumelo e e senang ditiro ke moka e suleng.

Mothusa Tona a re go botlhokwa gape gore dikereke di thusane le puso go lwantsha tlolo molao le sepe fela se se ka gomagometsang matshelo a batho.

O tsweletse a re ka jaana maloko a kereke e le ditokololo tse di farologaneng tse di agang mmele o le mongwe, go botlhokwa gore ba tshwaragane, ba nne le lorato la sennela ruri mmogo le go sa letlelela dikgang tsa go lwela maemo.

A re seo se ka thusa kereke ya bone gore e seka ya tshabelelwa ke madubadube a a atileng a go thubega le go kgaogana ga dikereke.

Rre Van Der Westhuizen a re o itumedisiwa ke go bo ditso di supa fa kereke eo e sale go thaiweng ga yone mo dingwageng tse di masome a supa le botlhano tse di fetileng, e ise e tshabelelwe ke dihawa tsa go thubega.

O boletse gore seo se supa fa e thailwe ka motheo wa bomme le borre ba ba sa eletseng go tshikinngwa ke sepe, mme maikaelelo e le go goga kereke go ya pele.

Mothusa Tona o ne a supa fa bokopano jwa go tshwana le joo jwa kereke, bo le mosola thata ka e le gone kwa maloko a kereke a logang maano a tswelelo pele ya kereke.

Mokwaledi mogolo wa kereke eo, Rre Tendani Manyiwa o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela gore ba neele puso bonnyenyane boo, e le tsela ya go tsenya letsogo mo go diragadiweng ga lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, ka go kgaogana tlhogwana ya tsie le ba ba tlhokileng lesego.

Modulasetilo wa kereke eo, Moruti Limit Manewe fa a ama ditso tsa kereke ya bone, o ne a bolela fa e aname le kwa mafatsheng a tshwana le Africa Borwa, Zimbabwe, Zambia le Namibia.

Le fa go ntse jalo, Moruti Manewe o ne a supa fa kereke ya bone e na le dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang bothata jwa go bona ditsha le go turelwa ga kgokelo ya ditlamelo di tshwana metsi le motlakase le tswa e sa dire dipoelo ka e thusa go fodisa batho ntle le tefiso epe.

Mo go tse dingwe, moruti o ne a gwetlha puso go tsenya leitlho le go sekaseka go dirwa ga dikereke.

A re go a tshwenya ka go na le dikereke dingwe tsa Batswakwa tse di runyang mo lefatsheng leno, e le ka maikaelelo a go ja Batswana ntsoma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : JACKALAS NO.2

Event : Bokopano jwa kereke

Date : 07 Dec 2014