Breaking News

Lesang go ikaega ka Ipelegeng

07 Dec 2014

Bomme ba kopilwe go tlogela go ikaega ka lenaneo la Ipelegeng mme ba inaakanye le mananeo a a ntshitsweng ke mmuso go ithusa go lwantsha lehuma.

Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Tutume, Mme Tebogo Hlabano kwa thuto-puisanyong ya bomme kwa motseng oo ka Labone.

Mme Hlabano a re mananeo a tshwana le LIMID le la Nyeletso lehuma le a mangwe a lephata la merero ya dikgang tsa bong a ka ba thusa go tlhabolola matshelo a bone le go tokafatsa seemo sa itsholelo.

A re madi a Ipelegeng ke dikatso fela tse go ka se kang go ikaegiwa ka tsone, mme o bile a ba rotloetsa go nna pelotelele fa ba ikopela mananeo ao ka gore a tsaya lebaka.

Mothusa mogolwane wa mapodisi a Tutume, Assistant Superintendent Sesetse Mashonja o supile bomme ka monwana a re ba na le go bipa mpa ka mabele ka dikgang tsa kgokgontsho tse di diragalelang bana ba basetsana.

A re bomme le bana ba basetsana, ke bone ba ba amiwang thata ke kgokgontsho, ka gantsi ba felela e le bone batswa setlhabelo mo botsalanong jwa ba lelwapa.

Asst Supt Mashonja a re dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borataro le tsa tlhakanelo dikobo le mongwe wa lesika le le gaufi thata di dintsi thata mo kgaolong mme di a lobiwa.

O ile a kopa bomme go tlogela mokgwa oo, a re se ba se dirang ke go nna mosima wa phika ka marago ka kamoso manokonoko le ditlamorago di ama bone.

A re gape bomme ba na le go tlhoka go bua boammaaruri fa ba bega dikgang tsa kgokgontsho, a re seo se ba paledisa tiro e le mapodisi.

Moono wa thuto-puisanyo eo ke mosadi yo o nang le boikarabelo yo o kgonang go dira phetogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke

Location : TUTUME

Event : Thuto-puisano ya bomme

Date : 07 Dec 2014