Breaking News

Twantsho mogare ke ya botlhe

07 Dec 2014

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Re Muhammed Khan o akgoletse puso ka ntwa e e boloditsweng kgatlhanong le HIV/AIDS.

E rile a bua kwa segopotsong sa HIV\AIDS, Mopalamente Khan a tlhalosa fa mogare wa HIV osa itse letso, mmala, bohumi kgotsa bohumanegi jalo o tlhasela mongwe le mongwe. 

One a kgothatsa setshaba gore se tshwanetse sa tshwaraganela twantsho ya segajaja, mongwe le mongwe a ipotse gore ene seabe sa gagwe ke eng. “Moroto wa esi gao ele,ebile kgetsi ya tsie e kgona ke go tshwaraganelwa,” ga buwa jalo Re Khan.

O ne a bolela fa a nnile lesego thata gore ko palamenteng a tlhophiwe mo komiting ya botsogo jalo otlaa netefatsa gore o bereka ka thata gore Bakwena le Batswana ba mo botsogong jo bo siameng.

Mopalamente one a gakolola setshaba gape gore ga goa siama go ipatlela melemo ke motho faa ikutlwa asa tsoge sentle, mme gole botlhokwa go bona ba bongaka, abo o tlhatlhobiwa, jalo a alafiwe mo go maleba.

One a gakolola banana go ikgapha mo go iphitiseng dino ka le tsone dika baka gore motho a seka a nna le maikarabelo mogo tsa tlhakanelo dikobo,jalo a seka a itshireletsa, abo ale mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke bolwertse jwa segajaja.

Ee rile mogo la gagwe,Moeteledipele wa komiti ee itebagantseng lego lwantsha kanamo ya bolwetse jwa segajaja mo kgaolong ya Kweneg Botlhaba Mme Theresa Makati, a tlhalosa fa go tlhobaetsa ka gore seemo sa mogare mo kgaolong se golela godimo. 

One are go bonala fa batho basa itlhatlhobele mogare wa HIV jalo bontsi gabo itse seemo sa bone.

Mme Makati o tlhalositse gape gore, ditshupetso di supa fa malwetsi a tlhakanelo dikobo (STI`s) a anama ka bontsi mogo supang go tlhoka go dirisa dikausu ke batho. 

One a re seemo se se a tshwenya ka gore malwetsi a tlhakanelo dikobo a okeletsa motho seemo sa go tsenwa ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS.

O kopile Sechaba gore fa motho a ile go itekodisa ko ngakeng, ere a fiwa kalafi, a buwe le palo ya bagokagani ka ene jalo le bone batle ba fiwe kalafi go fokotsa kanamo ya malwetsi. 

O gakolotse Sechaba go seka ba itebala fa go ketekwa malatsi a boitapoloso, jalo ba tswelele ba itshireletse.

Mme Elizabeth Ramollale, yo eleng mme yoo ikamogetseng seemo sa gagwe sa go tshela ka mogare o gakolotse sechaba gore dijo ke molemo o motona, jalo batho ba tshwanetse go netefatsa gore faba tsaya diritibatsi, ba je dijo tse di itekanetseng.

O gakolotse Sechaba go tsaya dithuto ka malwetsi ka tlhwaafalo le bogakolodi mo baitseanapeng ba tsa dijo tse di siametseng mebele tebang le bolwetse. Mme Elizabeth one ebile a fa sekai ka ene gore o lebega ale monnye mo dingwageng tsa gagwe, jalo se se supa gore oa itlhokomela. 

O gakolotse sechaba gore ba tshwanetse go itse bokete jwa madi le mafura mo mebeleng ya bone.

Rre Issac Rasesia yo eleng moeteledipele wa tsa itshireletso, botsogo le tikologo mo Komponeng ya Estate Construction o tlhalositse fa motho a tshwanetse go bereka maikutlo le botsogo di tsepame sentle, seemo sa tikologo yamo mmerekong le yone ele ee babalesegileng.

Rre Rasesia one a tshwaela fa batho basa tsibogele bokopano le dithuto ka bolwetse jwa segajaja mme se se tlhobaetsa ka dipalo tsa baba amilweng ke bolwetse tsone di tsweletse ka go golela pele mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba.

O tlhalositse fa kompone ya bone e ikopantse le makalana ale mmalwa a botsogo ele go leka go lwantsha malwetse. 

One a tlhalosa fa ko komponeng ya bone ba tlhola ba laletsa makalana a botsogo gotla go tlhatlhoba le go rutuntsha badiri ba bone ka malwetse.O rotloeditse dikompone tse dingwe le tsone go nna le seabe mogo berekeng le ba botsogo go lwantsha bolwetse jwa segajaja.

Mopalamente wa Molepolole Borwa yo le ene e neng ele molalediwa wa tlotla e rile a leboga a kopa Sechaba go tshwaragana ba nna seopo sengwe tebang le go lwantsha bosenakitso ka mogare wa HIV/AIDS le go rotloetsa kemo nokeng mogo baba amegileng.

Mookamedi wa Tebelopele ya Molepolole Mme Odirile Ntime o gakolotse go sechaba iphapha, baba iseng ba amiwe ke mogare le gore ba o setseng oba amile ba itlhokomele.

Go tlhalositswe fa komppone ya Estate Construction ee leng yone e agang mamelo a dipalamo mo Molepolole, e nnile le seabe sa madi a P3 000 go rotloetsa letsatsi la segopotso sa segajaja. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thandie Keitumetse

Location : MOLEPOLOLE­

Event : Segopotso

Date : 07 Dec 2014