Breaking News

Go thujwa ga matlo le marekisetso go a tshwenya

07 Dec 2014

Mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Rre Thuso Basuti a re ba tshwenngwa thata ke go thujwa ga matlo, mabentlele le marekisetso a bojalwa segolo jang a a sa sirelediwang.

A re tiragalo e, e diragala thata mo matlong a a nang le dithoto tse di faphegileng jaaka dithelebishini, dibalamakgolo, diromamowa le tse dingwe.

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Basuti a re ba okametse metse e le masome a mabedi le boraro, mme mo go yone borukuthi jo bo diragala thata mo metseng ya Masunga, Makaleng, Masukwane le wa Mapoka.

A re mo matlong, go thujwa thata a beng ba one ba nnang kwa ditoropong mme ba sa tlogela ope go a tlhokomela. Ka jalo a re go botlhokwa go hirisa matlo a mofuta oo, segolo jang a beng ba one ba itseng gore ba ya go nna kwa ditoropong lobaka.

A re e, ke melaetsa e go le gantsi ba e gasang mo diphuthegong tsa bone, go thusana le setshaba go lwantsha borukutlhi.

Mme a re e re le ntswa banni ba metse e ba tsenelela diphuthego tsa dikomiti tsa Ntebele-ke-go lebele ka dipalo palo, bontsi jwa Batswana ga ba dirise melaetsa e ba e anywang mo diphuthegong tseo, ka jalo ke ka moo borukutlhi bo tsweletseng ka go golela pele.

O tsweletse ka gore e re ka malatsi a boitapoloso le one a atumela, Batswana ba tshwanetse go bona gore dithoto tsa bone di sireletsegile mo dilalomeng, mme e bile a tlatsa ka gore ba ikaelela go emela borukuthi joo ka dinao.

Rre Basuti a re ba ikaelela go fokotsa gape le dipalo tsa babereki ba bone ba motshegare ka gore borukuthi bo diragala thata bosigo, ka jalo ba itlama go oketsa tsa ba ba theogelang bosigo.

O ne a tlatsa ka gore mo marekisetsong a bojalwa, go thujwa thata a a senang badisa dikago mme mo go a a nang le bone, go thujwa ka nako ya fa ba santse ba ikutswile mo ditirong.

Gape o gwetlhile beng ba madirelo go sa latlhelele dikgwebo tsa bone, le fa go ntse jalo a ba solofetsa fa ba sepodisi ba tla leka ka bojotlhe go dibela borukutlhi.

A re ditiragalo tse di diragala thata ka mafelo a kgwedi le malatsi a boitapoloso ka batho ba a bo ba itumetse phetelela ba bo ba phuaganya matlo le dikgwebo tsa bone ntle le go rurifatsa tshireletsego ya tsone.

O rotloeditse Batswana go nna podi-matseba mmogo le go tsenelela lenaneo la Ntebele-ke-go-lebele mo dikgotlaneng tsa bone.

Rre Basuti o gwetlhile gape Batswana go tsaya dithuto tsa ba sepodisi ka tlhwaafalo mmogo le go lebelela motshameko wa ba sepodisi wa Itshireletse ka le one o ka ba thusa go nna ba tla ka ditsela tsa go iphemela kgatlhanong le ditiro tsa borukutlhi.

A re ditsela tse dingwe tsa go hema borukutlhi jwa mofuta o ke go rua dintsa, go thapa badisadikago, go tsenya dikapa-ditshwantsho tsa sephiri, go sa beye diketekete tsa madi mo matlong ka madi le one a ngoka dilalome.

O gakolotse gape le bakgweetsi go kgweetsa ka keletlhoko segolo jang badirisi ba tsela ya Sebina/Masunga ka e sa agelelwa, ka jalo leruo le itaola, segolo jang bosigo BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2014