Breaking News

Dipalamo di ngongoregisa bapalami kwa Gumare

07 Dec 2014

Banni ba kgaolo ya Okavango ba ngongoregile mabapi le dibase tse di pegang setshaba tse di tswang Maun go ya Shakawe.

Fa ba bua mo potsolotsong bosheng ko maemelong a dipalamo a masha mo Gumare, ba tlhalositse dintlha tse di farologaneng tse di sa ba itumediseng. Rre Gagoope Bojosi, yo o nnang mo Gumare o boletse fa ene a tshwentswe ke seemo sa dibase se se tlhobaetsang.

O tlhalositse fa dibase tse di le mo seemong se se sa itumediseng jaaka di tshabelelwa ke go swa mo tseleng di pegile sechaba, mme ba tshwanelwa ke go leta ka lobaka lo lo leele gore e baakangwe kgotsa go tle e nngwe go ba tsaya.

Rre Bojosi a re dibase tse dingwe di ntsha mosi o montsho, o o lebegang o ka kgotlhela tikologo. O buile gape ka ditilo tse di senyegileng mo dibaseng tse dingwe mme ba tshwanelwa ke go nna mo ditshiping.

A re go lebega beng ba dibase ba ntsha tse di yang mafelong mangwe jaaka Francistown fa di setse di onetse ba bo ba di tlisa mo tseleng ya Maun le Shakawe.

Mongwe emetse go ya Etsha 6 Rre Mogopodi Xhao o supile matshwenyego a gore dibase tseo ga di goroge ka nako e e beilweng ke ba lephata la Dipalamo le Ipabalelo tseleng.

A re dibase tse di goroga morago ga nako fela thata segolo jang ka letsatsi la Tshipi, mo ba felelang ba kopa mosepele mo dikoloing tsa beng ba tsone le mororo go sa sireletsega.

O tsweletse ka go tlhalosa fa dibase tseo ka dinako dingwe di sa tsene mo metseng e e tshwanang Etsha 13, Ikoga le Sepopa ka metse ya teng e le sekgalanyana le tsela e di tsamayang mo go yone go ya Shakawe.

Rre Xhao o tlhalositse fa se se bakwa ke gore ga gona tsela e e siameng go tsena mo metseng eo, ebile beng ba dibase ba tlhalosa tsela tseo di ba senyetsa.

Mme Goitse Moonjwa wa Nxamasere e bile e le mona le bogole o tlhalositse fa ene a tshwentswe ke boitshwaro jwa bangwe ba ba duedisang, a re ga ba tshware bapagami sentle e bile ba tlatsa dibase go feta selekanyo ka dinako dingwe.

O ikuetse mo pusong go leka go dira thulaganyo ya go sireletsa ba na le bogole mo dipalamong tsa sechaba le go ka ba direla manno a a faphegileng.

Banna ba kgaolo eo, ba re ba kopa puso go ba baakanyetsa tsela e e ralalang kgaolo eo ka beng ba dibase ba ipata ka yone ba re e ba senyetsa dibase e bile e diya mosepele.

Ba kopile lephata la Dipalamo le Ipabalelo tseleng, go ka tlhatlhoba dibase tseo mo go tseneletseng gore a mme di siametse go pega sechaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Atomic Thaba

Location : GUMARE

Event : Potsolotso

Date : 07 Dec 2014