Lephata le abela dikole ditlhare
07 Dec 2014
Ditlhare di botlhokwa thata mo matshelong a batho ka botshelo jwa setlhare le motho e le di ya thoteng di bapile.
Seno builwe ke mogolwane wa lephata la dikgwa le ditlhare, Rre Matswerere Olatotse, ka nako ya fa ba abela dikolo tse di potlana tsa Botswelelo le Letsholathebe ditlhare tse di farologanyeng di le lesome le botlhano sekolo sele sengwe.
Rre Olatotse a re setlhare ke selo se se bothokwa thata mo matshelong a batho ka a re ke sone se dirang gore go nne le phefo e e phepha mo lefatsheng, ka jalo motho a kgone go tshela ka yone.
A ba bonye go le maleba gore ba abele dikolo tse di botlana le go ruta bana go lema ditlhare, tiriso ya ditlhare le bo mosola jwa tsone mo matshelong a bone le mo lefatsheng ka kakaretso.
O boletse gore ba tsere tshwetso e ba sena go lemoga fa phetogo ya loapi le go kgaolwa ga ditlhare go ama matshelo a batho mo lefatsheng ka bophara, mme a re seemo sa go nna jaana se tshwanelwa ke go potlakelwa.
A re mme ka jalo ba ruta bana le go ba rotloetsa go lema ditlhare ka e le bone bajaboswa ba kamoso gape ba le tlhaga go ka di tlhokomela sentle.
O tlhalositse fa ditlhare di na le mosola o montsi thata mo botshelong jwa batho, a re ditlhare e ka nna dijo fa motho a na le tlala, moriti le go sireletsa batho le matlo a bone kgatlhanong le diphefo.
Mogolwane yoo o tsweletse ka gore, ditlhare di thusa gape ka bonno mo ditshidi tse dingwe jaaka dinonyane le digagabi tsa lefatshe.
Mogokgo wa sekolo sa Botswelelo Rre Noah Kebafithetse o ne a phophota lephata leo legetla a re ba supile boikarabelo mo go sireletseng tshaba ya lefatshe leno.
Rre Kebafithetse o tsweletse ka gore ditlhare tse ba diabetsweng di tla ba tswela mosola fela thata ka di tla ba fa phefo e e phepha gape e tla nna thuto mo baneng ba sekolo sa gagwe ka ba tla ithuta mefuta ya ditlhare le tiriso ya tsone ka go farologana ga tsone.
A re o itumelela mefuta ya ditlhare tse ba di filweng ka a re e tlaare go goleng ga tsone di sireletse dikago tsa sekolo mo diphefong le go fa bana le badiredi ba sekolo moriti.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Molefabangwe Setlhare wa kgotlana ya Sanyedi a re go tswa Goo- Lowe batho ba tshela ka ditlhare di ba fepa ka maungo kana dijo, moriti le didirisiwa tsa kago.
Kgosi Setlhare o kgothaditse bana le setshaba ka kakaretso go tsaya thuto ya mofuta o tsia ka e tswela matshelo a bone mosola.
A re ba tswelele ka go lema ditlhare mo malwapeng a bone mme a gatelela thata gore ditlhare di tshwanetse go tlhokomelwa gore di gole jaaka go solofetswe gore di tswele setshaba mosola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la temo ya ditlhare
Date : 07 Dec 2014