Breaking News

Khansele potlana ya Maun e tlhophile Letswee

07 Dec 2014

E rile bosheng khansele potlana ya Maun ya tlhopha mokhanselara wa Tsau/Makakung, Rre Gaokgakala Letswee go nna modulasetilo wa yone.

Rre Letswee o tlhophilwe ke makhanselara a le lesome le borataro kgatlhanong le Rre Kebareeditse Ntsogotho wa kgaolo ya Mababe/Khwai yo o tlhophilweng ke batho ba le lesome le boraro. Makhanselara ba ne gape ba tlhopha Rre Nico Folae wa Boseja Borwa go nna mothusa modula setilo wa bone. 

E rile a amogela thomo, Rre Letswee a leboga go bo a tlhophilwe, a re o solofela fa makhanselara a tla a bereka a le seopo sengwe go isa ditirelo kwa bathong ba kgaolwana ya Maun.

E ntse ele mo ditlhophong tsa khansele, kwa kgaolong ya Okavango gone mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Mbaha Kambimba o tlhophilwe go nna modula setilo  a thusiwa ke mokhanselara yo mongwe yo o itlhophetsweng Rre Samson Mauano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 07 Dec 2014