Breaking News

Raphaka o kopa bodiredi go tsibogela mathata

07 Dec 2014

Mokwaledi mogolo wa lephata la ditsha le matlo, Rre Thato Raphaka, o kgothaditse badiri ba lephata la gagwe go bereka ka thata le go itshekatsheka gore ba tle ba kgone go rarabolola mathata a a farafereng lephata la bone.

Fa a amogela bogogi jwa lephata leo mo bokopanong kwa Mahalapye bosheng, Rre Raphaka o kopile bogogi joo gore bo ntshe dikgang le makgwere otlhe a ba a lemogileng gore a tle a rarabololwe.

A re dikgang tse di akaretsang tsa lefatshe ke tsone tsa konokono mo nakong eno ka jalo di tshwanetse go rarabololwa. O tsweletse a tlhalosa gore e rile bosheng fa lephata la kabo ditsha la Kgatleng le bulele dikopo tsa ditsha kwa Oodi, Batswana ba tshologela teng ka dipalo tse di kwa godimo go tsenya dikopo tsa ditsha.

O boletse fa seo se supa gore ele lephata go na le sengwe se ba sa se direng sentle jalo a re ba tshwanetse go bereka ba sa lape go baakanya seemo seo.

Rre Raphaka o kgothaditse badiri botlhe ba lephata le lefatshe ka bophara go kopanya ditlhogo gore ba tswe ka ditsela tse di ka thusang go rarabolola bothata jo, a re se, se ka thusa go isa lephata la gagwe kwa mankalengkaleng.

E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa Bizkid International Rre Moshe Seloko a kopa badiri ba lephata leo go rata tiro ya bone le go e dira ka manontlhotlho ka seo se ka thusa go ntsha maduo a a kwa godimo mo tirong. 

O tsweletse a re badiri ba tshwanetse ba ela tlhoko maitshwaro a bone mo tirong ka a ka tsholetsa kgotsa a diga serudumo sa lephata. 

A re badiri ba tshwanetse go gakologelwa fa ba le mo tirong ka go rata ga bone eseng ka gore ba pateleditswe ke ope ka jalo ba tshwanetse go bereka ka bonatla le botlhaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boitshepo Setogile

Location : MAHALAPYE

Event : Bokopano

Date : 07 Dec 2014