MVA e thusa ba-na-le bogole
07 Dec 2014
Lekalana la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) le tshwere ka natla go bona gore ditshwanelo tsa ba-na-le bogole jo bo bakilweng ke dikotsi tsa tsela ga di gatakiwe ka dinao.
Se se tlhalositswe ke mogolwane wa lekalana leo, Rre John Bonga, kwa letsatsing la mafatshe fatshe la ba-na- le bogole kwa Palapye bosheng a supa fa le bone ba na le seabe mo go netefatseng gore ba-na- le bogole fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba bona thuso.
Rre Bonga a re ke boikarabelo ja ba bongaka, mohiri le mohiriwa go tshwaraganela botsogo ja yo o thusiwang, a re bone ele ba MVA ke babueledi ba mohiriwa gore a o direlwa sentle ke mohiri morago ga go nna le bogole jo bo bakilweng ke kotsi ya tsela, metshine mo tirong kana a golafaletse mo tirong ka ditsela tse di farologaneng.
Rre Bonga a re kotsi e ka fetola botshelo ja motho, tebego ya gagwe le ka fa a neng a tshela ka teng pele a kopana le kotsi mme seo ga sefe mohiri sebaka sa gore a bo a ntsha mohiriwa mo tirong ka a sa tlhole a kgona go dira tiro e a neng a ntse a e dira.
A re mohiri o tshwanetse go bona gore o thusa mohiriwa jang gore a kgone go tswelela a dira.
A re mohiri o ka dira dilo di le tharo di akaretsa go neela mo-na-le bogole tiro e e motlhofo e a ka e kgonang, go mo fokoletsa dioura tsa go bereke le go bona gore fa a direlang teng go mmaya mo tshiamelong ya go dira tiro ya gagwe sentle a sa kgoreletsege.
O tsweletse a re mo diemong tse, ke tshwanelo gore mohiri le mohiriwa ba buisane nako le nako ka botsogo le ditsamaiso mo tirong, fa ba ba bongaka le bone ele ba tsaya karolo go tlhalosa ka botlalo ka botsogo ja mo-na-le bogole le gore seemo sa gagwe se tlhokana le eng gore a dire tiro ya gagwe sentle.
Mookamela khansele ya ba-na-le bogole, Mme Sekgabo Ramsay o tlhalositse gore maikaelelo a letsatsi leo ke go lemotsha mafatshe ka botlhokwa jwa dikgang tsa ba-na-le bogole, seriti sa bone le ka fa go ka tlhaloganngwang ka teng ditshwanelo le boleng jwa bone.
O tsweletse a re sengwe gape ke go lemoga le go bona gore a ditumelano le puso le makalana a a ikemetseng di a diragadiwa jaaka go tsibogela tokafatso ya dikago gore ba-na- le bogole le bone ba kgone go tsena ka dikolotsana tsa bone go kopa dithuso mo madirelong le mo makalaneng a puso gammogo le gone gore a go akareditswe ditirelo go ba thusa.
Mme Ramsay o kopile ba-na- le seabe go tlhabolola maranyane otlhe gore a akaretse ba-na-le bogole go nna le seabe mo madirelong le setshaba sa lefatshe leno. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Letsatsi la mafatshe fatshe la ba-na- le bogole
Date : 07 Dec 2014