Maphata a abela mo-na-le-bogole
04 Dec 2014
Badiri ba maphata a ga molaodi le la dijo kwa Tutume ba abetse mo-na-le bogole Rre Mpho Ditshego wa kgotla ya Thini dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang.
Fa a aba dimpho tseo, modiri mo lephateng la dijo, Mme Gadzani Disho a re ba kokoantse madi ao ka go ntsha bonnyennyane ka nako ya merapelo e ba e tshwarang phakela le go ntsha dipula di le lesome go tlatsa go diragatsa maikaelelo a bone.
Mme Disho a re ka madi ao, ba bone go tshwanela gore ba rekele Rre Ditshego dijo tsa keresemose mme e bile maikaelelo a bone ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.
O tsweletse a tlhalosa fa e se la ntlha ba thusa lelwapa leo ka ba kile ba agelela jarata ba bo ba ba agela ntlwana ya boitiketso. A re maikaelelo a bone ke go kgaogana le lelwapa leo ba setse ba bone gore go na le ntlo e go ka ladiwang tlhogo mo go yone.
E rile a amogela dimpho tseo, Mmaagwe Mpho, Mme Nkalosang Ditshego, yo le ene a tshelang le bogole a leboga tiro ntle e e dirwang ke badiri bao.
O supile fa ba setse e le bana ba lelwapa loo-ra Ditshego ka ba nna ba ba tlhola nako le nako ka jalo a lebogela tshwaragano le lorato le ba le supileng.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Dec 2014