Ba le babedi ba tshwaretswe go thukutha marekisetso
04 Dec 2014
Mapodisi a Mookane le Dibete a thusana le morafe ba tshwere banna ba le babedi ba lefatshe la Zimbabwe ba e rileng ka Labobedi bosigo ba thuba dikgwebo kwa Mookane mme ba utswa dithoto tse di farologaneng.
Kgosi Gaselemogwe Molefi wa Mookane o boleletse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong gore banna bao, ba ba tshegeditsweng ke mapodisi a Dibete ,mongwe wa bone o tshwaretswe gaufi le Capricon fa yo mongwe a tshwaretswe kwa merakeng ya Poloka ka thuso ya setshaba le sefofane sa tlhootomo ka Laboraro.
Kgosi Molefi o tlhalositse fa babelaelwa bao ba thubile lebenkele la Diponeng, marekisetso a bojalwa a Matlotla le semausu tse go bolelwang ba utswile dijo tse di farologaneng di akaretsa diphaleche, ditlhapi, dino tsididi, majalwa le metsoko tse go iseng go itsiwe tlhwatlhwa ya tsone ka jaana mapodise a santse a tsweletse le ditlhotlhomiso.
Mogolwane wa mapodise a Dibete Superintendent Phineas Makwaeba o boletse fa ba tsweletse le ditlhotlhomiso go bona gore babelaelwa ba na le dipampiri tsa mesepele kana ba tsene mo lefatsheng leno ka go tlhagela molelwane.
Rre Makwaeba o rile fa babelaelwa ba ka fitlhelwa ba sena dipampiri tsa mesepele ba tla lebaganngwa le molato wa go tsena mo Botswana ka go tlhagela molelwane mme a re fa go ka fitlhelwa ba thapilwe ke Batswana bangwe ntleng le dipampiri tsa go direla mo lefatsheng leno, Batswana bao ba tla lebaganngwa le molato wa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tsa go direla mo lefatsheng leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MOOKANE
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2014