Moepo wa LDM o abela kgotla ya Mmatshumo
04 Dec 2014
Ba Moepo wa Letlhakane/ Damtshaa ba abetse kgotla ya Mmatshumo mo kgaolong ya Boteti di dirisiwa tsa diofisi ka lenaneo la bone la go direla setshaba se ba berekelang mo tikologong ya sone.
E rile a bua kwa moletlong wa go rola di dirisiwa tseo bosheng, mookamela moepo wa Letlhakane/ Damtshaa Rre Bakani Motlhabani a bolela gore ba ne ba ikopanya le bogogi jwa motse wa Mmatshumo go utlwa matlhoki a bone.
Rre Motlhabani a re se ke tshimologo ya tirisano ya sennela ruri fagare ga bone le setshaba ka ba batla gore tiro ya bone ya go amogana le batho ba kgaolo eo maungo a moepo oo a bonale.
Rre Motlhabani a re ba tla tswelela ba sekaseka se ba ka se dirang go tlhabolola motse wa Mmatshumo le metse e mengwe e e mabapi e le maikaelelo a bone go bona setshaba se tshela botoka.
Fa a ntsha malebo, mokwaledi wa makgotla a Setswana wa kgaolo ya Legare Mme Kgopolo Lehelepa o supile fa LDM ba arabile selelo sa letlhoko la lephata la makgotla a Setswana a re o dumela gore di dirisiwa tse di tla a ba thusa go dira tiro ya bone ya letsatsi le letsatsi.
Mme Lehelepa a re malatsi ano go rotloediwa go dirisa maranyane jalo ba moepo wa LDM ba thusitse fela thata ka jaana puso e lebanwe ke letlhoko la madi.
O tsweletse a re lephata la bone le lesego ka jaana maphata otlhe a lebanwe ke letlhoko la didirisiwa ka jalo a re o solofela gore babereki ba kgotla baya go di dirisa le maphata a mangwe a puso.
A re diofisi tsa makgotla a Setswana tsa kgaolo ya Boteti di lesome le borobabobedi mme mo go tsone tse di nang le dibalamakgolo di tlhano fela jalo ya Mmatshumo e tla bo ele ya borataro.
Mo mafokong a gagwe a malebo, mothusa molaodi wa kgaolo ya Boteti, Mme Motsei Maoto o boletse fa ba moepo wa LDM ba diragaditse ditsetlana dingwe tsa maitlamo a ga tautona ka ba file babereki ba kgotla ya Mmatshumo seriti ka ditlhabololo tse di tla ba dirang gore ba rate kwa ba berekelang teng.
Mme Maoto o ba kgothaditse go tlhokomela didirisiwa tseo fela thata, a re o solofela gore mokwalo wa seatla e tla nna selo sa maloba kwa diofising tseo. Di dirisiwa tseo di akaretsa
ditafole le ditilo, dibalamakgolo tse tharo, difetlha phefo di le nne le motshine oo ntsifatsang e bile o romela dipampiri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Kabo ya dimpho
Date : 04 Dec 2014