Breaking News

Mogare o bifela pele-Sisila

04 Dec 2014

Mogolwane mo lekalaneng la botsogo la kgaolo, Mme Dineo Sisila a re motse wa Dukwi le e e mo tikologong ya yone go balelwa le Mosetse ke mengwe ya e e nang le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong potlana ya Tutume.

Mme Sisila o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa HIVAIDS,  a tlhalosa fa  kgaolo potlana ya Tutume e na le batho ba le 36 750 ba ba tshelang le mogare mme mo go bone ba le 15 959 ba le mo diritibatsing fa ba le 20 791 go lebeletswe seemo sa bone mme bontsi ele bagolo.

O tsweletse a re bomme ba ba mo kalafing ba masome a marataro le borataro mo lekgolong fa borre bone ba le masome a mararo le boraro mme a re seo se supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhoba. 

Mme Sisila o boletse fa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) le supa maduo a kanamo ya mogare go ya leseeng e fokotsegile fela thata. 

O boletse gore fa lenaneo leo le ka rotloediwa moono wa go fedisa mogare gotlhelele o ka fitlhelelwa.

A re lefa maiteko a go nyeletsa kanamo ya mogare a dirwa, go santse go na le dikgwetlho tsa go tlhoka go itlhatlhoba ga borre, batho ba ba sa saleng ditaelo tsa bongaka morago le ba ba tlogelang go tsaya diritibatsi fa ba setse ba le botoka. 

A re tseo ke dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone mo kgaolong.

O tsweletse a re ntlha e nngwe e e tshwenyang thata ke boimana jwa kgapetsa-kgapetsa jwa ba ba mo diritibatsing, a re seo se supa fa go na le kgonagalo ya go anamisa mogare ka seo se supa fa batho ba sa dirise tsa itshireletso. 

A re maikaelelo a go nna setshaba se se senang mogare a ka atlega fa rotlhe re ka tshwaraganela ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV.

 E rile a amogela baeng, kgosi ya Mosetse, Rre Opelo Ntshwarelang a supa fa bojalwa bo ile magoletsa mo motseng wa gagwe ka jalo a re ga go thona go bo mogare o kekela ka batho ba nwa bojalwa phetelela. 

O gateletse gore bojalwa le diritibatsi ga di tsamaelane ka jalo a kopa badiri ba botsogo le setshaba ka kakaretso go tshwaragana mo go lwantsheng tiriso botlhatswa ya nnotagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi-Masuruke

Location : TUTUME

Event : Letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa HIV/AIDS

Date : 04 Dec 2014