MVA e tla a tokafatsa ditlamelo
04 Dec 2014
Mo maitekong a go itepatepanya le dikgwetlho tsa dikotsi tsa tsela tse di yang magoletsa, ba lephata la Motor Vehicle Accident Fund ba ne ba tshwara ithutuntsho le baagi ba Bobonong go ba itsise ka ditlamelo tse ba di neelang batswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela.
Fa a bua kwa ithutuntshong eo bosheng, leloko la khuduthamaga ya Motor Vehicle Accident Fund, Rre Lawrence Thebe o supile fa ba ikaelela go tokafatsa ka fa ba thusang batswa setlhabelo ka teng ka dinako tsotlhe jaaka go tsibogela le go araba dingongora gammogo le dipotso tsa ba tswa setlhabelo mo nakong e khutshwane.
A re ba tla neela motswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela kalafi ya tshoganetso mo nakong e e sa feteng oura morago ga go amogela kitsiso ka kotsi le gone go thusa batswa setlhabelo ba ba sa kgoneng go itshetsa.
Rre Thebe a re ba tla a dira bojotlhe go tokafatsa kamano le tirisano mmogo le ba-na-le seabe, a bo a re ba tla nna le bojammogo le tirisano le bangwe ka bone mo mafatsheng go amogana dikitso tse di maleba. O supile fa mokgwa wa go iphitisa nnotagi, tsela e e ditlhare gammogo le go tsaya ditlankana tsa go kgweetsa ka tsela e e seng maleba e le gone go bakang dikotsi tsa tsela.
Rre Lawrence o kaile fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba ba botlhokwa mo setshabeng jaaka baoki le mapodisi mme e bile ba le botlhokwa mo malwapeng ka jalo seo se dire gore lehuma le simolole go kokonela malwapa ao.
O supile fa dikotsi tsa tsela di sa ame bapalami ba dikoloi fela mme le ama le batsamaya ka dinao gammogo le diphologolo.
Rre Lawrence o tlhalositse fa thuto mo bathong ka tiriso ya tsela e santse e tlhokafala thata mme a re ba tla a dira ka bojotlhe le ka matsetseleko go thibela le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno.
Fa a latlhela la gagwe, mookamela lekalana la Motor Vehicle Accident Fund Rre Cross Kgosidiile o gateletse fa nnotagi e le yone e bakang dikotsi tsa tsela.
Rre Kgosidiile a re seemo sa ditsela mo Bobonong se tshwanetse go tokafadiwa go fokotsa go thulana ga dikoloi mo go diregang gantsi mo kgaolong eo.
Mogolwane wa sepodise sa Botswana Rre Semakaleng Matlhake o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le diphologolo tse di gobeyang mo ditseleng e le gone go dirang dikotsi.
Rre Matlhake a re monongwaga go setse go nnile le batho ba le 214 ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO
Source : Moses Moleboge
Author : BOPA
Location : BOBONONG
Event : Ithutuntsho
Date : 04 Dec 2014