Barui le bakgweetsi ba tla a tseelwa dikgato
04 Dec 2014
Mogolwane wa mapodise a Dibete Superintendent Phineas Makwaeba a re balemi barui ba ba leseletsang leruo la bone go fula mo ditseleng tse di ageletsweng le bakgweetsi ba ba tsamayang ka lebelo le le feteletseng ba tla a gagamadiwa phogwana ka go pegwa dikatlholo tse di bokete.
Superintendent Makwaeba o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong bosheng gore ere ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a gorogile, ele mapodise ba ipaakanyeditse go tseela dikgato barui ba ba tla tlogelang leruo la bone le gobeya mo tseleng ya A1 gammogo le bakgweetsi ba ba tla kgweetsang ka lebelo le le feteletseng kana ba itontetse dinotagi.
A re ele ba sepodise kwa Dibete ba tshwentswe ke dikotsi tsa tsela tse di bakiwang ke leruo le le fulang mo tseleng ya Gaborone/Francistown le bakgweetsi ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino gammogo le ba ba kgweetsang ba sena ditlankana.
A re go tsweng ka Phalane go tsena ka Ngwanatsele monongwaga go nnile le dikotsi tsa tsela di le masome a mabedi le bosupa tse bontsi jwa tsone di bakilweng ke dikgomo tse di fulang mo tseleng fa tse dingwe di bakilwe ke go kgweetsa ga batho ba iphitisitse dino mme tse dingwe di bakilwe ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela.
Rre Makwaeba o tsweletse ka go tlhalosa gore mo dikgweding tse pedi tseo, ba kgonne go tshwara bakgweetsi ba ba neng ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng ba le 449 mme a bolela fa barui ba ba tlogelang dikgomo tsa bone di fula mo ditseleng tse di ageletsweng ba tla lefisiwa P2000.00 kgomo nngwe le nngwe.
Fa dikgang di eme jalo, mapodise a Mahalapye go bolelwa ba le mo letsomong la batho bangwe ba e rileng bosheng ba thukutha ka dikgoka mme mongwe yo eleng mogwebi mo maemelong a dipalamo tsa setshaba madi le dithoto ba mo supile ka sengwe se go belaelwang e ka tswa ele tlhobolo.
Mme yoo, o tlhalositse fa batho bao ba mo tseneletse mo ntlong bosigo mme ba mo laela go ba neela madi otlhe gammogo le dithoto tse di akaretsang metsoko, dinamune, manoko, dibanana le dilekere tse mo nakong eno a iseng a kgone go akanyetsa madi a tsone. BOKHUTLO
Source : Mojaboswa Jwabeng
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2014