Botsogo jo bo ntle bo ntsha maduo
04 Dec 2014
Botsogo le mmele o o itekanetseng ga badiri go ka ba nonotsha go ntsha maduo a a solofetsweng mo ditirong tsa bone ka go farologana.
E rile a bua kwa moletlong wa itekodiso malwetse le itshidilo mebele o tshwerwe ke ba lephata la makgotla a Setswana kwa Maun bosheng, moeteledipele wa sepatela se se ikemetseng ka nosi sa Leshalaba Lifestyle Centre, Mme Ikwatlhaeng Wellio a bolela fa a leboga puso go bo e tsweletse ka go tsaya tsia botsogo jwa badirela puso.
A re botsogo ke konokono ya botshelo jwa motho jalo motho o tshwanelwa ke go nna a tsogile sentle mo tlhaloganyong, mmele le mowa ka tse tsotlhe di dira gore motho a kgone go dirisana sentle le bangwe ka ene le tikologo e a leng mo go yone.
O tsweletse ka gore badiri ba ba itekanetseng ba ka ntsha maduo a a molemo le go direla lefatshe ka natla mo ditirong tsa bone. Mme Wellio a re setshaba ka kakaretso se tshwanetse go nna se tsaya dikgakololo mo maphateng a botsogo le go tsaya ditaelo tsa kalafi ka tlhoafalo le keletlhoko go netefatsa gore mebele ya bone e nna e itekanetse ka nako tsotlhe.
A re e le ba Leshalaba, ba eteleditse botsogo jwa setshaba sa Botswana kwa pele le go fitlhelela maitlamo a lefatshe leno a go nna tshaba e e itekanetseng ka 2016. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ame Ketlogetswe
Location : MAUN
Event : Moletlo wa itekodiso malwetse le itshidilo
Date : 04 Dec 2014