Komiti ya banana e aba ntlo
04 Dec 2014
Mokwaledi mogolo wa kereke ya Apostolic Faith Mission in Botswana, Moruti David Seithamo o akgotse lekgotla la banana ba kereke eo go bo ba setse morago motlhala wa sekeresete wa go thusa ba ba tlhokileng lesego.
E rile fa banana bao ba abela lelwapa la ga Ra Sebotso ntlo bosheng, Moruti Seithamo a tlhalosa gore kereke e tshwanelwa ke go tsenya letsogo mo tirong e ya komiti ya banana go ba rotloetsa ka maikaelelo magolo ele gore kereke e nne le ditso tse e tla tswelelang ka tsone mo thulaganyong ya go rorisa Modimo.
A re lekgotla la banana ba kereke le lemogile letlhoko la lelwapa loora Sebotso mme la bona go le botlhokwa gore le ba thuse, a re se ke bontlha bongwe jwa go supa ditiro tsa sekeresete ka gonne phuthego ya kereke e ne e se sa bone boroko ka letlhoko le.
Moruti Seithamo o tsweletse a re kereke e fa gare ga dikgwetlho mme jaaka ba-na-le-seabe ba matshego a setshaba a 2016, ba diragatsa letshego la tshaba e e kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka go dira ditiro tsa sennela ruri tse ba tla nnang ba ipelafatsa ka tsone.
O tsweletse a re kereke e dira tiro ya yone ka go dira diphetogo mo bathong ka gore ke yone letswalo la tshaba, a tlatsa ka gore ditshaba di ka nyelela mme kereke e tla tswelela ele teng.
E rile a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya banana ba kereke eo, Moruti Duncan Raditsebe a bolela fa a leboga Modimo go bo o ba kgontshitse go dira tiro eo. O boletse fa maikaelelo a bone ele go anamisa botlhokwa jwa go rera lefoko gammogo le go dira ka diatla.
A re tota go aba go simolola mo tikologong e motho a tshelang mo go yone pele ga motho a kaya kgakala. O boletse gore kago ya ntlo e ga se ya ntlha mme ba tsweletse ka go lemoga le go thusa ba ba tlhokileng lesego le go ba abela.
Moruti Raditsebe a re ngwaga le ngwaga ba tshwara bokopano mme gone kwa ba tshwaretseng bokopano teng ba tlogela motlhala wa bakeresete ka mokgwa wa go aba ka moono wa go inosetsa mo semoweng.
E rile a tswa la gagwe Mme Lebogang Sebotso a bolela fa a itumeletse mpho eo fela thata a supa fa Modimo a arabile keletso ya gagwe ya go nna le kwa ene le ba ga gabo ba tla nna teng ka jalo a tla tswelela a tshelela Modimo ka dinako tsotlhe.
Motshwara madi wa lekgotla la banana, Moruti Letlhogonolo Thabalaka a re ba kgonne go aga ntlo eo ka dithuso tsa sekolo se segolwane sa ABM le kompone ya MG Properties gammogo le ba bangwe ba ba thusitseng ka didirisiwa tsa kago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : GOOD HOPE
Event : Kabo ya mpho ya kereke
Date : 04 Dec 2014